Lenaneo le tlisa maduo kwa8232 Chobe
20 Aug 2015
Lenaneo la Silent Drop Out le nnile le seabe se segolo mo go tokafatseng maduo a baithuti ba dikole tse di potlana mo kgaolong ya Chobe.
E rile a buisa barutabana le batsadi mo bokopanong jwa go ipelela maduo a lenaneo le mo Chobe, Mothusa Tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso Rre Moiseraele Goya a re lenaneo leo le botlhokwa fela thata ka le fetotse maduo a baithuti le go tla ka methale e e farologaneng ya thuto.
Rre Goya a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ngwana mongwe le mongwe o bona thuto e e mo tshwanetseng go ka mo tswela mosola mo isagong.
Mothusa tona o tlhalositse fa lephata la gagwe le ntse le lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya maduo a baithuti mo dingwageng tse di fetileng, mme a kaya fa se se tshwenya fela thata.
O ne a tlhalosa fa lenaneo le le tsile ka nako e e maleba go ka rarabolola bothata mme a re ba ne ba dira maiteko a go ka leka go tokafatsa maduo a dikole ka go kgaoganya dikole ka dikgaolo le dikgaolwana lefatshe ka bophara, se e le go tlhofofatsa tirisano mmogo fa gare ga dikgaolwana tse.
A re batsadi ba tshwanetse ba tlhwaafalela thuto ya bone ka bana e le bokamoso jwa lefatshe leno, a tlatsa ka gore maikaelelo a go isa ditlamelo gaufi le batho ke gore dikgaolo di se katologane thata mme di kgone go dirisana le batsadi sentle mo dithutong ka di le gaufi le bone.
Rre Goya o tsweletse ka gore se se ne sa dirwa ke gore dikgaolo tse dingwe di ne di le ditona fela thata, mme se se dire go nne thata go isa ditlamelo ko dikoleng.
O tsweletse a tlhalosa gape gore ba tsile ka lenaneo la Education 2020 le maikaelelo a lone e leng go tlhabolola thuto mo dikoleng le go rarabolola dikgwetlho dingwe tse di lebaneng lephata la thuto mo lefatsheng leno.
Mothusa tona o tlhalositse fa Batswana ba tswa goo-Lowe ba dirisa mowa wa tshwaragano mo go direleng lefatshe la bone, mme o tlhalositse gore lenaneo la Silent Drop Out le supile gore batsadi ba tlholego ba ka seke ba kgone thuto ya bana ba le nosi mme ba tlhoka thuso kgotsa tshwaragano go tswa mo barutabaneng.
E rile a tswa la gagwe, mogokaganyi wa lenaneo leo mo Chobe Mme Pearl Molobe o ne a re lenaneo le tokafaditse seemo sa maduo a bana ba dikole mo kgaolong ya Chobe, go akaretsa metse e tshwana le ya Parakarungu, Kasane le Pandamatenga mme a re ga ba sa tlhole ba itemogela bana bape ba ba tlogelang sekole mo kgaolong ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kesiame Mosube
Location : Kasane
Event : Bokopano
Date : 20 Aug 2015






