Breaking News

Kgosi o tsholotse8232 kgang ya molelwane

19 Aug 2015

Kgosi Segale Linchwe o tsholotse kgang ya molelwane magareng ga motse wa Morwa le Bokaa morago ga gore boeteledipele jwa metse eo bo ganetsane gore molelwane wa metse ya bone o felela kae.

E rile Kgosi Segale a bua mo potsolosong le BOPA, a supa fa a bone go le botoka gore a tsholole kgang eo ka gore ga gona ope mo bathong bao yo o batlang go dumelana le ope.

A re mo nakong e e fetileng, fa a biditse bokopano jwa baeteledipele ba metse eo, Kgosi Sue Mosinyi wa Bokaa, o ne a supa fa ene a sena mathata le gore molelwane wa bone o felela mabapi le sekole sa Borwa.

A re jaaka go ne go beilwe letsatsi le le dumelanweng gore ba kopane ka Mosupologo go tla go bona gore a mme tumalano ya molelwane e tlaa nna jaaka ba supile, ba feta ba palelana gape.

Kgosi Segale a re ka maswabi, se se neng sa diragala kwa tshimologong ya kgang eo sa ipoeletsa gape ka mongwe le mongwe a kaya fa molelwane wa bone o felela ntlheng ya Bokaa fa ba bangwe ba re ntlheng ya Morwa mme kgang ya tsena mo sekgweng.

A re o ne a tsaya tshwetso ya gore a tsholole kgang eo ka gore ga e ba ise gope ebile e ba diela ditiro le tswelelopele ya metse ya bone gore e tlhabologe.

O supile fa a ba boleletse gore mo kgaolong ya Kgatleng ga go na melelwane ebile a seka a tlhola a utlwa ope a re bone motse wa bone o felela fa ka gore ke Batswana botlhe ebile seo se ka diya ditlhabololo.

Kgosi Segale a re kgang ya molelwane e ne e le tsela ya gore ditlhabololo di tle mo motseng wa bone jaaka lekgotla la kabo ditsha le ne le kopile gore ba kgone go tokafatsa le go fefosa ditirelo tsa bone.

A re o laetse dikgosi tsa metse e mebedi eo go dira tiro ya bone jaaka ba ntse ba dira ba bo ba thuse Motswana mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o tswa mo Bokaa kana Morwa ka gore ke
tshwanelo ya bone.

Ka jalo, a re ba ba santseng ba na le kgang ba ka e fetisetsa kwa pele mme ene o feditse ka kgang eo mme go ya pele ba tshwanetse ba bereka mmogo.

O ne a supa ngongorego ya gore go makgetho a le mantsi morafe o kopiwa go dumelana ka ditlhabololo mme batho ba ganana le tsone ka jalo a re kgaolo ya bone e saletse kwa morago mo ditlhabololong ka mabaka a a senang moko.

Kgosi Segale o kopile morafe wa Bakgatla go ela dikgang tse tlhoko le gone go atla megopolo ya ditlhabololo gore ba kgone go bona tswelelopele mo matshelong a bone.

A re kopo ya lephata la ditsha ga e ya tshwanela go kgaoganya bana ba motho ka go ntse go tshelwa ka kagiso le lorato mme a kopa banni ba metse eo go tswelela ba tshela fela jaaka ba ntse ba tshedisana go sena mathata ape. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2015