Breaking News

Kotsi e gapile matshelo a8232 bana ba le bararo

19 Aug 2015

Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng matshelo a bana ba le bararo.

Kotsi e e diragetse bosigo jwa Labotlhano (Phatwe 14) mo kgotleng ya Mokgobelele morago ga gore koloi e latele bana fa ba neng ba tshamekela teng mme ya ba thula, go ya ka dipego tsa ba bona tiragalo eo.

Mogolwane wa mapodise a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re ba ba tlhokafetseng, ke mosimane wa dingwaga di le lesome le bobedi, basetsana ba le babedi ba ba dingwaga tse supa le boferabobedi. Ba ba bonyeng dikgobalo tse di potlana ke basimane ba babedi, ebile mo nakong ya gompieno ba a sidilega.

A re yo o boneng dikgobalo tse di masisi o ne a ragosediwa kwa sepatela se setona sa Bokamoso kwa Mmopane.

Superintendent Maphephu o boletse fa mokgweetsi wa koloi a sa bona dikgobalo dipe tse di masisi ebile a ne a siya morago ga tiragalo e mme ya re letsatsi le le latelang ba dule letsholo ba kgona go mmona kwa a neng a iphitlhile teng.

A re mmelaelwa ke motho wa Letlhakane mme o dingwaga di le masome a mararo le bobedi. Superintendent Maphephu a re go lebega fa koloi e pitikologile ka bone fela e le nosi. Kotsi e e diragetse mo tseleng ya Letlhakane Orapa .

A re e re ntswa ba sa itse se se bakileng kotsi, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa mmelaelwa ene a le mo diatleng tsa mapodise go leta tsheko.

Superintendent Maphephu o kopile bakgweetsi go nna ba kgweetsa ka kelelelo ka nako tsotlhe bogolo thata fa ba le mo ditseleng tse di fa gare ga motse.

O ne a tswelela a re ba tlhotlhomisa leso la monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi yo a neng a fitlhelwa a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe mo mosong wa Sontaga (Phatwe 16) kwa masimong a Mapetle.

O supile fa mohiri wa gagwe a ne a tla go mo tlhola a sa mo fitlhele mme ya re letsatsi le le latelang a okomela kwa ntlong ya gagwe ke gone a bo a kgatlhantshiwa ke monko a bo a leletsa ba sepodise. Rre Maphephu a re ba bongaka ba santse ba tlhatlhoba mmele wa moswi go rurifatsa se se ka tswang se bakile leso leo.

Moswi a tlaa bolokwa kwa a neng a tlholega teng kwa Mokgenene. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : Letlhakane

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2015