Breaking News

Mokgatlho o fa lorato

18 Aug 2015

Ba mokgatlho wa Bame Barona Sechabeng ba ne ba tshwere letsatsi la botsogo, ba le lebagantse le bana ba ba se nang bo Omang, mme ba itshetsa ka go tlhatswa dikoloi le go di tlhokomela kwa African Mall mo Gaborone.

Mogolwane wa mokgatlho oo, Mme Direpang Segosebe, o ne a tlhalosa fa ba ne ba dira se go fa bana ba tsholofelo le go ba lemotsha fa ba na le mosola mo setshabeng le gone go ka tlotlomatsa lefatshe leno.

O tlhalositse fa e se la ntlha a kopana le bana ba, ka jaana a kile a ba direla dijo tsa motshegare ka 2012, mme fa a ntse a dirisana le bone a lemoga fa ba se na bo Omang le fa e le tsone ditlankana tsa matsalo tota.

Mme Segosebe o tlhalositse fa ba ne ba ikopanya le ba ofisi ya Omang go ba tlhalosetsa ka bothata jo, mme ka lesego ba kgona go ba thusa. O boletse fa gape ba ne ba ba rulaganyeditse go ba tlhatlhobela matlho, ka jaana ba dirisa melora e e bogale go tlhatswa dikoloi, mme ba lemoga e ka ama matlho a bone.

Mogolwane go tswa kwa YWCA, Mme Botswelelo John, o ne a akgola bana ba gore e rile ba sena go fetsa dikole, ba seka ba nna fela mme ba itirela ditiro ka go tlhatswa le go tlhokomela dikoloi tsa batho, a tlhalosa fa go na le letlhoko la ditiro mo Botswana mme dipatlisiso di supa fa le topetse banana thata.

O ba gakolotse go tshephega mo tirong ya bone le gone go e dira ka manontlhotlho, a supa fa go le botlhokwa gore ba dibele maina a bone le gore ba seka ba balelwa mo ditirong tse di fatlhang, mme ba tshegetse mekgwa ya Setswana ya tlotlo.

Mme John o gakolotse bana bao gape go inaakanya le mananeo a puso le gore ba gakologelwe gore ka nako nngwe ba tlaa bo ba godile ba sa tlhole ba na le maatla a go bereka.

O kopile batho go tshwaragana le Mme Segosebe go netefatsa gore tiro e ntle e a e dirang e tswelela sentle. Mongwe wa bana bao, Khala Nthoyapelo, yo o tlholegang kwa Thamaga, o ne a tlhalosa fa a itumelela tiro e Mme Segosebe a e dirileng ka go ba direla ditlankana tsa matsalo le boOmang, a supa fa e se mang le mang yo a ka tlogelang bana ba gagwe go thusa ba sele, fa e se yo o nang le lorato lwa Modimo.

O supile fa jaanong ba gololesegile go batla ditiro le dithuso ka jaana ba na le sesupo sa gore ke Batswana. Bana bao, ba ne ba nna le sebaka sa go itlhatlhobela matlho. 
BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TLOKWENG

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 18 Aug 2015