Breaking News

Kereke e supa kutlwelo botlhoko

18 Aug 2015

Mopalamente wa Kanye borwa,  Rre Abram Kesupile o rotloeditse dikereke go thusa ba ba ‘kobo dikhutshwane.

Rre Kesupile o kaile jalo kwa kerekeng ya Church of Jesus Christ of Latter Day Saints e e neng e abela Rre Kabelo Kabelo ntlwana ya boitiketso kwa kgotleng ya Kgwatlheng kwa Kanye ka Mosupologo.

Mpho e e ne e le tsela nngwe ya go araba boikuelo jwa ga Tautona le go rotloetsa lefoko la Modimo.

Mopalamente o boletse fa bakaulengwe ba tshwanetse go direla ba ba tshelang le bone, a re thapelo ka nosi ga e kake ya ba isa gope, ba tshwanetse ba dira le ka diatla.

A re tiro nngwe le nngwe e dirwa ka madi mme ka thato ya Modimo ba ka kgona. O rotloeditse maloko a dikereke go tlotlana le go godisa sekeresete le tumelo. O bile a rotloetsa dikereke tse dingwe go sala morago se kereke ya baitshephi e se dirileng ka e agile ntlwana ka diatla tsa bone .

Fa a amogela ntlwana eo, Rre Kabelo o ne a bolela fa a le motlotlo thata go bo kereke e mo thusitse. O kgothaditse dikereke tse dingwe go thusa fela jalo go tsamaisetsa lefatshe leno pele.

Mookamedi wa kereke eo wa bomme, Mme Linda Mabe o boletse fa kereke ya bone e dira ka diatla mme ba fokotse ditshenyegelo.. O boletse fa ba kgona go bidiwa go tla go thusa mahala fa go na le tiro nngwe ya bobelotlhomogi e e dirwang mo motseng. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego

Date : 18 Aug 2015