Breaking News

Temo ya merogo phitlhisa go beng

18 Aug 2015

Go lema merogo ke nngwe tsela e banana ba ka ikinolang ka yone mo lehumeng. Moeteledipele wa ditshekatsheko wa lephata la matlhoko a loruo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Diphetogo Mosalagae o ntshitse kgakololo e kwa tirong ya go rolela Mme Sethe Lebuo dithuso tsa tshingwana ya merogo tse a reng lephata le di mo file ka go bona botlhaga jwa gagwe jwa go lema merogo mme a gelela metsi kgakala.

Rre Mosalagae o tlhalositse fa ba rutile Mme Lebuo ka ditsetlana tsa go lema merogo le gone go e tlhokomela gore e seka ya jewa ke diji. A re ba mo thusitse ka bogakolodi go tsenya menontshane ga mmogo le gone go mo lemela mengwe merogo go leka go ntsha dijo tse di bonalang.

E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Matsiloje, Mme Florah Mpetsane a leboga ba temo-thuo ka go rotloetsa Mme Lebuo ka tsotlhe tse di tlhokafalang. Mme Mpetsane a re mosepele oo wa go thusa Mme Lebuo o simologile ka 2008, fa khamphani ya Tati-Nickel e ne ya kopa gore e batlelwe tiro ya go thusa setshaba e e ka dirwang ya sennelaruri.

O tlhalositse fa ba ne ba tswa ka lefelo la banana le le kwa Matsiloje gammogo le go tlhopha setsha sa komiti ya ditlhabololo la go lema merogo. Mme Mpetsane o supile fa khamphani eo e ba thusitse ka go rekela tshimo eo ditanka tsa metsi, a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo mosepele o ne o le bokete mo bangwe ba neng ba ikgogela morago.

A re Mme Lebuo o tlhaga ka o ne a tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go ya go koba dikgabo mo tseleng e e thata e e tsamayang ditlou. O rotloeditse banni go itseela mananeo a puso, a re ka boitemogelo jwa gagwe, go tswa kwa Matopi go ya kwa tshimong ke nngwe tsela ya go itshidila mmele pele ga ba ka inonotsha ka go ja merogo.

A re maikaelelo a bone ke go rotloetsa banana, bana le bagolo ga mmogo le bomme le ba ba tlhokileng lesego go intsha mo lehumeng gore e re ka 2016 le go feta le bone ba bo ba na le seriti ka go ithusa mo malwapeng ka go rekisa merogo e ba e lemileng.

Fa a tswa la gagwe, Mme Lebuo o rurifaditse fa a thusitswe ke ba Lephata la Temo-Thuo ka go bona a ntse a tshwere a dira. Mme Lebuo o boletse fa dithuto tsa temo-thuo di dirile pharologanyo ka di mo thusitse go ntsha selekanyo sa merogo se se lekaneng.

A re bothata jo botona ke go katolola sediba se se mo nokeng ya go nosetsa, a tlatsa ka go re o gama a ikotelela ka go pompa metsi a ba a tlogela a ya tshimong go ya go tlhola ditanka tsa metsi gore a di tletse.

O rotloeditse banana go tsena mo temong ya merogo, a re tshimo e kgolo e tlhokana le bone fela gore ba itemele. Mme Lebuo a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi.

E rile a tswa la gagwe, mogokaganyi wa tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Alfred Mashungwa a re e re ka sengwe le sengwe se na le dikgwetlho, o tlhomamisitse fa ba tlaa leka ka bojotlhe go thusa Mme Lebuo go bona gore metsi a goroga jang kwa tshimong.

Rre Mashungwa o buile a sa kgale mathe mo ganong gore tsela e Mme Lebuo a gelelang metsi ka yone e borai mo mothong wa mme. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : MATOPI

Event : Kabo-dimpho

Date : 18 Aug 2015