Banni ga ba obamele melao
18 Aug 2015
Mogolwane wa ofisi ya tsa melao ya dikgwebo, Mme Garry Makwama o ngongoregetse gore morafe ga o obamele melao e.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni bosheng kwa Rakops.
Mme Makwama a re Batswana ga ba obamele melao e e amanang le medumo le boitshwaro jo bo botlhaswa, go saila ga loruo mo motseng, thekiso ya nnotagi le dinako tse di beilweng, ga mmogo le melao ya go latlha le go tshuba matlakala.
O tlhalosa fa go tlhoka go obamela melao e go na le dikotlhao tse di tshwanang le go lefa, go tseelwa teseletso ya go gweba mme dintsa tse di sailing mo motseng e bile di senya tsone di ka bolawa, fa dikoko di ka rekisiwa ka palabalo.
Mokhanselara Manyuni o boletse fa madi a dikago a SHHA a okeditswe go tswa kwa go P60 000 go ya kwa go P90 000 fa madi a tlhabololo ya malwapa le one a okeditswe go tswa kwa go P45 000 go ya kwa go P60 000.
O ne a opela puso legofi ka maiteko a go ntsha setshaba mo lehumeng.
Fa a bua ka kgang e e tshwentseng banni ba Rakops ka lobaka e e amang metsi a a nkgang bosula, Mme Manyuni a re koporase ya metsi e mo solofeditse fa ba tlaa nosiwa metsi a a kopilweng kwa Lesotho le Zambezi mo bosheng.
O ne gape a tlhalosa fa ba epetswe didiba tse disha di le pedi, sa metsi a a nkgang se emisitse go dirisiwa.
Mokhanselara o ne a solofetsa banni fa badirelapuso le bone jaanong ba letlelelwa go itirela dikgwebo.
A re mme ba tshwanetse go ikopela ka mokwalo gore ba kgone go rebolwa ke bagolwane.
O boletse fa ba-na-le bogole ba simolotse go fiwa makgolo a mararo a pula ka kgwedi, mme a re seo ke sesupo sa gore puso e na le tlhokomelo le lorato mo setshabeng jaaka letshego lengwe la tebelopele ya 2016 le bua.
O ne gape a supa fa Rakops a tlaa tsisediwa babereki ba puso go ba tsisesa ditlamelo fa go sena go agwa matlo a bonno.
Mme Manyuni a re bana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse di masome mabedi le bone ba tlaa tlhatlhobelwa HIV mme batsadi ba bone ba itsesiwe maduo ka go supegile fa dipalo tsa bana ba dingwaga tseo ba ba nang le mogare e le lesome mo lekgolong mo basetsaneng le bone mo lekgolong mo basimaneng.
Morafe o ne wa ntsha matshwenyego a one mme mokhanselara a ba solofetsa go a isa khanseleng Phatwe a ya fifing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : RAKOPS
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Aug 2015






