Breaking News

Banana ba galaletsa lenaneo

18 Aug 2015

Lefatshe le le lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la ditiro segolo jang banana. Go tlhoka madi le gone ke kgwetlho ka botshelo bo le turu.

Banana bangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tlhalositse mo puisanong le lekalana la BOPA bosheng, fa matshelo a bone a
fetogile go menagane morago ga go bona dithuso tsa lenaneo la banana.

Puso e ne ya leka ka bojotlhe go tla ka mothale wa go lwantsha seemo sa letlhoko la ditiro ga mmogo le lone lehuma ka go tla ka
mananeo a a ka thusang go tsenya madi mo malapeng a a wetsweng ke seru seo.

Monana mongwe yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi go tswa kwa Tati Siding, Mme Boifang Motimedi o tlhalositse fa leeto la botshelo jwa gagwe le ne le le thata ka e bile a ne a retelelwa ke go pasa lekwalo le legolwane la boraro.

O tlhalositse fa a kile a bereka mo malwapeng, a tloga a rekisa mo mebileng, a ya go bereka kwa Spar Meriting ga mmogo le mo lebentleleng la Choppies.

A re go ne go le thata ya lentswe botshelo bo gana go lomagana jaaka a ne a eletsa ka a ne a tshwanelwa ke go tlhokomela bomonnawe morago ga gore ba latlhegelwe ke batsadi.

Mme Motimedi o tsweletse ka gore ka ngwaga wa 2004 morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi o ne a nna fela ka khutsafalo ka go ne go sena ope yo o ba tswang thuso mo lapeng, go ba rekela dijo ga mmogo le gone go ba apesa.

E ne ya re ka ngwaga wa 2012 lenaneo la banana la mo tswa thuso ka go mo fa madi a a kanang ka P100 000 mme a kgona go ipulela kgwebo ya tshilo ya Dadzila Sorghum Milling and Packaging e mo nakong ya gompieno a jang a namile.

A re mo nakong ya gompieno go rena monyenyo fela mo lapeng, kutlobotlhoko e nyeletse ka kgwebo ya gagwe e dira bontle e bile o kgona go tsenya le bomonnawe dikole.

O tladitse ka gore le ene o kgonne go itsenya sekole mme ebile a ithutela dithuto tsa kgwebo le madi gore a kgone go itse mo go tseneletseng ka tsamaiso ya kgwebo le tsa madi ka a santse a batla go fitlhelela ditoro tsa gagwe ga mmogo le gone go itirela botshelo jo bo botoka jo a iseng a bo akole mo go goleng ga gagwe.

Le ntswa mo kgwebong go se ke go tlhoka dikgwetlho, Mme Motimedi o gwetlhile banana go inaakanya le mananeo a puso fa e le gore ba na le ditoro tsa go fetola matshelo a bone. 

A re botshelo jo bo eletsegang bo a fufulelwa ka jalo ba seka ba itlhoboga mme ba sale ditoro tsa bone morago.

O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e dirisanya le mabentlele a feta bone,  mangwe a one e leng a Choppies lefatshe ka bophara, Game, le a mangwe ga mmogo le a mannye mo metseng ka go farologana.

E rile a latlhela la gagwe mongwe monana go tswa mo Masunga, Rre Itikeng Poloko wa IT Metal work a tlhalosa fa dikakanyo tsa gagwe ka botshelo di fetogile mme a lebogela lenaneo la banana go bo ba nnile le seabe
mo go seo.

A re ene o tshidile ka bokete mme e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a thusiwa ka madi a a kanang ka P60 000.

O tladitse ka gore kgwebo ya gagwe e mo thusa fela thata ka a tsaya nako e ntsi mo go yone go na le go inaakanya le dinotagi jaaka banana ba bangwe.

A re ga a kake a nna le dikakanyo di tshwana tsa go utswa ka gore o tlhoka madi mme a supa fa kgwebo ya gagwe e mo direla tse tsotlhe tse a di tlhokang.

A re banana ka bontsi ba inaakantse le dilo tse di duleng mo tseleng fela ka gore ba tlhoka madi. 

Rre Poloko o supile fa bontsi jwa banana ba le boitseme e bile ba tshaba go itirela ka diatla tsa bone, ba batla go nna ba tsenngwa dijo mo ganong mme a supa fa seo e le mokgwa oo sa siamang ka ba tshwanetse go ikemela ka dinao.

O supile fa banana e le batho ba ba santseng ba siasiana le menate ya lefatshe mme e bile gape ba tlhoka madi go dira tsele le tsele ka
jalo a supa fa go itirela dikgwebo e le yone fela karabo ya go dira madi.

A re e re ka e bile le letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe kobo ka letshoba, banana ka bone e bile ba na le bokgoni jo bontsi b tshwanetse go thusana le puso go fenya seemo seo, le gone gore lefatshe le kgone go fitlhelela le matshego a tebelopele ya 2016. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 18 Aug 2015