Maoto o tlhatswetsa Letlhakane
18 Aug 2015
Mme Mompati Maoto yo o dingwaga tse di masome mane le borataro yo o tlholegang kwa kgotleng ya Bokolobeng kwa Letlhakane o itshetsa ka go tlhatswa diaparo le dikobo a bo a gatisa
Mme Maoto, ke mookamedi wa kompone ya Tsootsha. Fa a tlhalosetsa ba BOPA bosheng, Mme Maoto o boletse fa ba simolotse ba le masome mararo ka ngwaga wa 2007 mme morago ba bangwe ba mo tlogela a bo a sala a le nosi.
O boletse fa a thusitswe ke ba boipelego morago ga gore khansele-potlana ya Boteti e bapatse mananeo ka go farologana mme ene a tlhopha go tlhatswa le go phepafatsa ka a kile a bereka tiro ya mothale o mo lelwapeng lengwe kwa Orapa.
A re ba boipelego ba ne ba mo rekela dimeshini tse di tlhatswang di le tharo,dikgatiso di robabobedi le melora e a e dirisang go phepafatsa.
Mme Maoto a re o bula madirelo a gagwe ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa maphakela mme a tswale ka nako ya botlhano go tloga ka Mosupologo go ema ka Labotlhano.
A re dipoelo tse a di bonyeng di a kgotsofatsa ka a kgonne go tsenya ngwana wa gagwe sekole sa bananyana ka ngwaga wa 2010, a ikagetse kamore ebile gape a rekile didirisiwa tsa go agelela setsha sa gagwe.
Mme Maoto a re ditlamelo tsa gagwe di dirisiwa ke banni ba motse wa Letlhakane,makhanselara le ba lephata la bana ba dikhutsana le batlhoki ba a boletseng fa ba tsisa dikobo tse di ntsi ka nako ya fa bana ba tsaya mesepele ya sekole.
A re ga a na bathapiwa mme a tlhalosa fa a thapa ba nakwana fa tiro ya gagwe e le ntsi thata.Fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, Mme Maoto o supile fa a kopana le dikgwetlho tsa tlhaelo ya metsi e nako tse dingwe e bakang gore a fetise letsatsi a sa kgone go tlhatswa
. O ne gape a bolela fa dikgatiso tsa gagwe di senyegile mme a setse ka e nngwe fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 18 Aug 2015






