Breaking News

Semorafe ga se age

18 Aug 2015

Banni ba Boro kwa kgaolong ya Maun ba kopilwe go sa dirise kgosana wa bone yo mosha mo dikgannyeng tsa semorafe.

Seo se builwe ke moemela kgosi yo mogolwane,  Kgosi Tshupegetso Bontsibokae kwa kgotleng ya Boro  fa a ne a tlhoma semmuso Rre Motswagole Mokgwathi go nna kgosana ya Boro.  

A re dikgang tsa semorafe ga di amane ka gope le bogosi ka jaana di ka seke tsa bopa motse fa e se go o kgaoganya fela.

Kgosi Bontsibokae o tsweletse a re semorafe ga se age motse mme ebile le yone tiro ya gagwe e ka mo latlhegela fa a ka ineelela dikgang tsa mofuta oo.

O mo kopile gore le fa bangwe ba ka mo kgobotletsa ba re jaanong ka ke kgosi go raya gore o rekilwe, a seka a ba reetsa fa go tla mo di kgannyeng tseo.

A re dikgang tse di buiwang kwa malapeng ke tsa beng ba tsone mme tse di mo amang di tlaa tlisiwa kwa kgotleng fa e le gore di teng, a tlatsa ka gore kana Motswana a re banthati ba kana ka bantlhoi.

Kgosi Bontsibokae o kopile gore bo rangwanaagwe le borara ba mo gakolole fa a tswa mo tseleng kana a kopa thuso mo go bone mme ba sa mo latlhe, ba seka ba re jaanong re mmeile mo setilong ba bo ba mo tlogela foo a le nosi.

O ba kopile gore fela jaaka ba ne ba bona go tshwanela gore ba mo rome, ke nako jaanong ya gore ba simolole go bereka le ene, ba mo roma e bile ba mo dise thata mo di tirong tse dintle.

Gape o tsweletse a re o a itse gore ga se botlhe ba ba neng ba eletsa gore a nne mo setilong seo, mme are ke nako jaanong ya gore ba mo neele tlotlo ka gotlhe mo ba ka go kgonang.

A re go tswa kgakala magosi a tlotlwa mme mo nakong ya gompieno ke gone o kareng batho ba latlhegelwa ke setho sa bone ka ba sa tlhole ba na le tlotlo le lorato mo magosing a bone.

Mankge go tswa kwa lekalaneng la thuto ya setho wa mma dikole Rre Anderson Chibani a re o rotloetsa a ba a akgola ngwao ya Batswana ka ba santse ba tshwere ngwao ka go tlotla magosi abone.

O tsweletse a re lefa go ntse jalo, o santse a le sebete se molangwana ka ma Aforika mangwe a a rileng ba na le go tlogela dilo dingwe kwa morago mme ba ikgatholose ngwao ba bolela fa e siilwe ke nako.

A re ngwao ke go aga setshaba le gone go se kopanya tota gore se itlhaloganye kwa se tswang gone le kwa se yang teng, a ba a re e tshwanetse go bolokwa go fitlhela dikokomane di e fitlhela.

Mankge Chibani a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse a tlotla ngwao ka puo, kapari, mmino, dijo le tsotlhe tsa ga bone gore go itshupe gore ke mokae, mme a re fa motho a sena dilo tseo ke yoo senang ngwao. Moemedi wa maphata a puso a itshireletso a a dirang le bogogi jwa motse oo a dikgolegelo le la sesole sa

Botswana Rre Bayei Motsamai, a re o itumeletse thata tshwetso e e tserweng ke bogosi jwa Batawana ka go tlhoma kgosi kwa motseng oo.

O tsweletse a re o dumela fa jaanong ditlhabololo di tlaa nna teng ka bangwe ba santse ba gana go direla teng ba re ga gona ditlhabololo dipe.

Rre Motsamai o tsweletse a re kgosi o gololesegile go kopa thuso mo go bone mme ba tlaa mo thusa ka fa ba ka kgonang.

Fa a ntsha la gagwe Kgosi Motswagole Mokgwathi o ne a lebogela botsadi jwa Boro go bo bo ne bo tsile ka
bontsi kwa modirong oo mme a re o kopa gore le kamoso fa a ba bitsa go nne fela jalo.

A re bone ba ka tsaya gore go gonnye mo ba go dirileng mme a re ene o bona ba dirile tiro e tona thata e e neng e tlhoka lorato le tirisano mmogo, a re o bona gore fa go ka tswelela go ntse jalo, sengwe le sengwe ba tlaa se kgona.  BOkhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : BORO

Event : Phuthego

Date : 18 Aug 2015