Breaking News

Segotja Molelo se tswelela ka8232go gola

18 Aug 2015

E rile bosheng kgotla kgolo ya Bakwena mo Molepolole ya bo e sena bobeo jwa lenao fa mokgatlho wa Segotja Molelo, mokgatlho o ka one basadi ba ipopileng gothusanya ka maele a botshelo, o ne o amogela lekalana la Molepolole semmuso magareng ga makalana a a supa a a setseng a le mo mokgatlhong o.

E rile a amogela maloko ao semmuso, Rre Sipho Showa wa Botswana Building Society(BBS), banka e e gokaganyeng le mokgatlho ka tsa peo ya madi, a supa fa mokgatlho oo, o na le maloko a feta dikete tse nne. 

O ne gape a supa fa mokgatlho o tswelela ka go gola a tlatsa ka gore mokgatlho o gola ka jaana o sa mpampetse e bile go supagala sentle gore ba itse maikaelelo a bone. 

O ne gape a rotloetsa a bo a supa gore, gore motho kgotsa mokgatlho o fitlhelele maikaelelo ke gore ba itsose ba bo ba ithuse go bona dithuso mo bathong.

Erile jaanong a tlhalosa maikaelelo a mokgatlho oo, Mme Goleba Mokwena, yo e leng ene mookamedi wa mokgatlho a tlhalosa fa moono mogolo e le go tlhabolola bomme gore ba itlhabolole. 

A supa gape gore go botlhokwa gore bomme ba nne le seriti ba bo ba kgone go itirela ba sa kope thuso nako le nako mo go ba masika.

Mme Mokwena o tsweletse a supa gape gore magareng ga dithuso tse ba di kopanetseng le maloko ke tsa go fitlha maloko le masika a bone ka madi fela a a nametsang, a tswelela a supa gape gore ba rutuntsha maloko a bone le mo dikgwebong tsa bone ka jaana moono ke go busetsa seriti sa bomme le go koba lehuma le gone go bopa bomme gore ba kgone ba itirele.

O ne a supa gape gore sekano sa mokgatlho wa bone ke kutlwelobotlhoko le lorato, a tlhalosa gore ba thusa le mo setshabeng ka go thusa bao ba ba kobo dikhutshwane, masiela , ba-na-le-bogole, le batho fela ba ba amegileng ka mokgwa mongwe ba tlhoka thotloetso kgotsa thuso.

Mme Mokwena o ne gape a tlhalosa fa mokgatlho wa Segotja Molelo e le mokgatlho o o simolotseng ka ngwaga wa 2006 e le ka tshenolelo ya toro ya bomme ba ba o tlhamileng kwa motseng wa Letlhakeng, mme wa anama le mafelo otlhe a akaretsa, Motokwe, Hunkuntshi, Tsetseng, Lehututu, Tsootsha, Ditshegwane le Molepolole ebile a supa gore go na le makalana a metse e feta lesome ba le bone ba batlang go tsena mo mokgatlhong wa Segotja Molelo.

A boa a supa fa mokgatlho jaanong o godile mo go senang dipelaelo ebile o tsile go felela e nna mokgatlho wa tshireletso (insurance) o akaretsa le borre.

A supa fa motho a letela dikgwedi tse tharo fela a sena go nna leloko mme go tsweng foo a simolole go akola dithuso tsa mokgatlho fela fa a tsweletse a duela sentle dikgwedi tsotlhe.

Mo letlhakoring le lengwe Kgosi Kgolo Kgari III, o ne a supa boitumelo jo bogolo a bo a rotloetsa gore basadi ka e le bone thari ya setshaba ba tswelele ba thusanye go aga lefatshe la Botswana le le nang le morafe oo momaganeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 18 Aug 2015