Tamog Tours e abela bana paka
18 Aug 2015
Mogolwane wa khamphani ya Tamog Tours and Safari, Rre Mogomotsi Motlapele o abetse bana ba le batlhano ba sekole se sebotlana sa Andrew Wellio kwa Maun kapari ya sekole e e feletseng.
Fa a bua kwa tirong ya kabo eo bosheng, Rre Motlapele o ne a re o itumelela gore Modimo o bo o mo file pelo ya go utlwela bangwe ka ene botlhoko.
O ne a rotloetsa bana ba sekole gore le bone ba ithute go nna le mowa wa neelano ka gore go dira jalo, Modimo o tlaa ba tlhogonolofatsa.
Rre Motlapele a re o ne a bona go le matshwanedi gore a neele bana ba ba tlhokileng lesego kapari ya sekole e e feletseng gore le bone ba kgone go nna le maatla a go dira sentle mo dithutong tsa bone ba sena matshwenyego.
O ne a tlhalosa fa seelo sa Botswana sa 2016 sa letshego le le reng tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala se tshwanetse go diragadiwa.
Rre Motlapele a re ba dirisitse fetang dikete tsa pula di le tlhano go rekela bana paka, dibuka, marokgwe a metshameko le dikipara, ditlhako tsa sekole, dikete le kapari ya mariga.
Mogolwane wa lephata la thuto, Mme Didimalang Mmemo o ne a akgola Rre le Mme Motlapele gore ba bo ba dirile maiteko a a kana.
A re se se itumedisa bogogi jwa thuto ka gore bana ba ba thusitsweng ba tlaa kgona go ithuta ba se na sekgoreletsi sepe mme ba dire tiro ya sekole ka botswapelo.
O ne a kopa batsadi gore ba tlhokomele dimpho tse bana ba di filweng gore maiteko a baabi a seka a felela mo phefong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Edith Sebati
Location : MAUN
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Aug 2015






