Breaking News

Ikgapheng mo dikgannyeng tsa8232melelwane-Maele

17 Aug 2015

Tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele o kopile badiri ba makgotla a kabo ditsha go ikgapha mo dikgannyeng tsa melelwane ya metse.

Fa a buisa babereki ba makgotla a kabo ditsha a Sefhare le Maunatlala bosheng, Rre Maele o ne a re dikgang tsa melelwane ga se tsa makgotla a kabo ditsha ka jalo babereki ba kabo ditsha ga ba a tshwanela go tsena mo go tsone. 

A re dikgang tsa melelwane ya metse ke dikgang tsa dikgosi ka e le bone ba ka itseng gore melelwane e tsamaya jang mme babereki ba kabo ditsha ba tshwanelwa ke go reetsa bone gore melelwane e tsamaya jang.

Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a supa fa a tshwenyegile ntateng ya gore setshaba ga se itumelele ditirelo tsa makgotla a kabo ditsha ka ba bolela fa a tletse dikgang tsa pipa molomo thata le go sa thuseng setshaba sentle.

O boletse fa badiri bangwe ba sa tsamaise dilo sentle ka ba dirisa botsala le bosika ba bo ba felela ba sa fe setshaba ditlamelo tse di tshwanetseng. O ne a fa sekai ka dikgang tsa go tsaya ditshwetso mme modiri a itse gore o itsanye le yo go tsewang ditshwetso ka ene.

O ne a kopa badiri ba lephata la gagwe go dirisana le batsaya karolo ba tshwana le dikgosi, dikhansele, molaodi le setshaba se ba direlang mo go sone ka kakaretso mme ba seka ba dira ba le nosi fela ka tiro ya bone e ka pala.

Rre Maele yo ebileng gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Lerala/ Maunatlala a re badiri ga ba a tshwanela gore e re ba itse gore go ya go abiwa ditsha golo gongwe e bo e nna bone ba ipayang kwa pele ka ba ne ba sale ba itsile ka go abiwa ga ditsha tseo mme ba tshwanelwa ke go kopa setsha fela jaaka Motswana mongwe le mongwe.

A re seo se ka baya Batswana ba bangwe ka fa mosing. O ne a rotloetsa badiri ba lephata la gagwe go amogela se se buiwang ke setshaba ka bone gore ba kgone go ipaakanya. O ne a re go a tshwenya ka fa setshaba se lebang lephata la gagwe ka teng ka jalo bodiredi bo tshwanelwa ke go ikitaya ka thupana gore seemo se fetoge.

A re badiri ba tshwanelwa ke go thusa setshaba ka botswapelo mme ba ikgaphe mo dikgannyeng tse di tlaa senyang seriti sa makgotla a kabo ditsha. 

Rre Maele o ne a ntsha matshwenyego ka tlhaelo ya lefatshe mme a kopa badiri ba kabo ditsha go gapa lefatshe le le ntseng fela le sa tlhabololwe mme le na le dingwaga tse dintsi le abilwe mme ba sale melawana morago.

O ne a rotloetsa baeteledipele mo lephateng la gagwe go ela tlhoko dikgang di tshwana le tsa go tsena morago mo tirong le go itirelela fela mo tirong ka ke tsone tse di isang maduo a lephata la gagwe kwa tlase.

Rre Maele o ne gape a rotloetsa baduladitilo ba makgotla a kabo ditsha go kwala metsotso nako tsotlhe fa ba na le bokopano a bolela fa metsotso e le botlhokwa thata mo lekgotleng la kabo ditsha ka e thusa mo dikgannyeng tsa dikgotla tshekelo. BOPA 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego le babereki

Date : 17 Aug 2015