Breaking News

Baithuti ba Moralane8232ba itumetse

17 Aug 2015

E ne e le boitumelo jo bogolo fa ba na ba sekole se sebotlana sa Moralane ba amogela ditlhako le dikausu tsa sekole go tswa mo baithuting ba sesole sa Botswana ba ba ithutelang mo motseng wa bone.

Baithuti bao ba sesole ba ba ithutelang kwa motseng oo ba ne ba abela bana ba le lekgolo ditlhako tsa sekole gammogo le dikausu ka ba ne ba bone bontsi jwa bone ba ya sekoleng ba sa rwala ditlhako.

E rile a bua kwa moletlong oo, Kgosi Keoganne Modisapodi wa motse oo a tlhalosa fa e rile fa mariga a simolola baithuti bao ba thibelela mo motseng wa gagwe, mme ba lemoga botlhoki joo. 

Kgosi Modisapodi a re motse wa gagwe o tshwana le wa Mosolotshane o aparetswe ke letlhoko fela le letona le bogolo bo bonalang thata mo baneng le bonno jwa banni.

A re letlhoko le mo baneng gantsi ebile le baka gore le bone bana ba felele ba tlogetse sekole ka bontsi ba sena le yone paka ya sekole. 

O ne a leboga go menagane baithuti bao ba sesole sa Botswana go bo ba bone go le botlhokwa gore le bone ba nne le seabe mo setshabeng sa bone, ka go le lesego letsogo le le abang.

O ne a kopa gape gore thuto ke konokono ya ngwana ka jalo fa bana ba, ba ntse ba fiwa dimpho jaana ba tia moko, mme a tlatsa ka gore ba kopa gape le dibala makgolo go oka bana ba gore ba kgatlhegele thuto. 

Le fa go ntse jalo a re e re le fa ba sena motlakase mo motseng ba ka bona gore ba di dirisa jang go rotloetsa thuto ya bana. 

Fa a tswa la gagwe morutuntshi wa baithuti bao ba sesole sa Botswana, Major Ivon Makabe o ne a tlhalosa fa erile ba tsena mo motseng wa Moralane ba bona bana ka bontsi ba ya sekoleng ba sa rwala ditlhako mme se sa ba ama dipelo fela ruri ka e bile e ne e le paka ya mariga.

Major Makabe a re ba ne ba ikitaya dihuba gore ba bone gore ba ntsha eng mo dipateng tsa bone e le baithuti go bona gore ba     thusa bana bao, mme ba ba rekela ditlhako.

O ne a tlhalosa gore ba ne ba ikopanya le ofisi ya mogokgo, ba boipelego le boeteledipele ba motse go bona gore ba ka thusa jang bana bao ba e bileng gape ba neng ba sena le tsone dijesi.

A re le bone fela jaaka Batswana ba batla go nna le seabe mo setshabeng se ba direlang mo go sone, go fitlha kwa Tebelopele ya 2016 ya tshaba e e kutlobotlhoko e bile e kgathala.

Go tswa lephateng la thuto mo Mahalapye Mme Lydia Makgoma o ne a kgothatsa batsadi go bona gore dimpho tse di a tlhokomelwa, mme a ba kgothatsa go tsaya thuto ya ba na ba bone tsia. 

Mme Makgoma o ne a ba tlhalosetsa gore go setse mo maruding a bone ka go nne setshaba se a kgathala ka thuto ya bana ba bone mme ka jalo ba tshwanentse go ema ka dinao go bona gore ba tshwaragana le barutabana mo thutong.

A re bana ka bontsi ga ba tsene dikole, ba a lofisiwa mme ntswa puso e sa batle se ka jalo a ba kopa go ema ka dinao go busetsa bana ba bone kwa sekoleng. Mogokgo wa sekole Mme Caroline Tlhabatshe o ne a tlhalosa ka boitumelo gore sekole sa gagwe se aparetswe ke letlhoko le legolo la bana ba ba senang paka ya sekole. 

Mme Tlhabatshe a re mme le ene o ne a seka a ipona tsapa a kwala dikwalo go bona gore bana ba, ba bona dithuso mme e rile ngwaga ono ba Itekanele Medical Aid ba ba abela paka ya sekole, ditlhako di le lekgolo le botlhano, dijesi, dikausu mme ba di baya ka
di ne di ka seke di lekane bana botlhe.

A re ka modimo o seke o latlha ba sesole sa Botswana ba bona letlhoko la bone, ga mmogo le ba International Wednesday Prayer Group ba le bone ba neng ba ba abela ditlhako di le masome a mane le borobongwe ga mmogo le dikausu tsa teng. 

Mme Tlhabatshe o ne a supa boitumelo fela jo bogolo ka jaanong ditlhako tseo tsotlhe di dira makgolo a mabedi le masome a robabongwe le borobabongwe, a tlatsa ka gore bana botlhe ba sekole sa gago ba tsile go lekanwa ke ditlhako tseo tsa bo di sale. 

O ne a leboga a sa kgwe mathe dithuso tsotlhe tse ba di boneng mo setshabeng, a rotloetsa batsadi o tlhokomela dimpho tsotlhe ka lorato. BOKHUTLO

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo

Date : 17 Aug 2015