Korobela e gaila dikoko ko Tutume
17 Aug 2015
Go tlhagogile bolwetse jwa korobela mo mafelong mangwe a motse wa Tutume mme banni ba tshogetse matshelo a dikoko tsa bone fa ba bangwe bolwetse bo laitse dikoko tsa bone mme ba sala ba iphotlhere.
E rile a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, Mme Mpiwa Metsi a re bolwetse bo mo tlogetse a sena se a ka se supang.
Mme yo o tlhalositse gore thuo ya gagwe ya dikoko e ne e le ya lenaneo la nyeletso lehuma e a saleng a simolotse tiro ya teng ka ngwaga wa 2013.
A re e sale ka a simolola thuo ya gagwe, o ne a welwa ke seru sa bolwetse gape, mme a seka a amega thata.
Mme Metsi a re mo palong e a neng a e filwe ke ba LIMID fa a simolola, o ne a latlhegelwa ke dikoko di le lesome le motso mo go tse di masome a mabedi le botlhano.
A re mme o ne a nna le lesego ka tse tse di neng di setse di ne tsa oketsega go tshwara palo e ka nna masome a mane.
Mme Metsi a re seemo se ne sa ritibala mme koketsego ya nna teng, mme mo ngwageng ono kgwedi ya Phukwi bolwetse bo ne jwa ganyaola gape, mme ka go tlhoka lesego a seka a tswa ka sepe.
O ne a supa tse tharo tse di setseng mo bontsintsing jo a neng a na najo mme a re mme le one matoditodi a a setseng a ka se supe phelelo ya tsone ka di ne di le mo gare ga tse di nang le bolwetse gape bolwetse bo santse bo aname.
A re o itemogetse dikai di le dintsi mo dikokong tse di amegileng mme o boletse fa dikoko di sa korobele fela, a re maoto a tsone a nna o kare a tshwerwe ke bogatsu, matlho a tsone a nne le dintho le go bona boloko ja tsone bo le metsi a a botala.
Mme Metsi a re o ne a leka tse tsotlhe tse a ka tswang a di utlwa ka bafeti ka tsela le matlhogotshweu, a re mme ke ka a ne a itaya lentswe ka le lengwe.
A re ba lephata la melemo ba ne ba kgaratlha fa ba kgonang ka teng mme fela go lebega a thantse le le
tsebeng.
O tlhalositse gore fa bolwetse bo tsene mo dikokong, ga go motlhofo bo ka tlhola bo thibelwa, mme a kgothatsa barui jaaka ene go tsibogela malwetse a leruo ba seka ba re ba leta lephata go tla go thusa.
Fa a akgela, Mme Kgomotso Bawani a re le ene o sa tswa go bona komelelo ka ntlheng ya bolwetse jwa korobela.
O ne a kaya gore batho ba seka ba nna fela ba re ka gore bolwetse bo ganyaotse dikoko, mme a re ba ititeye ka thupana ba ikemele ka dinao go diragatsa se sengwe se se ka ba tshetsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 17 Aug 2015






