Olopeng o akgola badiri ba lephata la gagwe
17 Aug 2015
Tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng o akgoletse badiri ba lephata la gagwe go bo ba ne ba nna pelo telele mo go diragatseng maikaelelo a bone a go aga leobo la kgotla kwa motseng wa Manaledi mo kgaolong ya Tswapong bokone.
Fa a bua kwa motseng wa Manaledi kwa a neng a rola leobo la motse oo semmuso bosheng, Rre Olopeng a re ntswa go ne go na le dikgwetlho tsa madi fa badiri bao ba tsweletse ba aga leobo leo ba ne ba itoma molomo wa tlase mme ba kgona go le wetsa.
Rre Olopeng a re tiro e badiri ba lephata la gagwe ba e dirileng e e tsereng dingwaga di le tlhano go wela ke nngwe ya ditiro tse Tautona wa lefatshe leno a di rotloetsang e bile a di gogang kwa pele.
O ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2010 fa puso e simolodisa lenaneo la gore maphata a puso a thuse fa ba bonang go na le letlhoko teng lephata la gagwe la tsaya tshwetso ya go aga leobo la kgotla kwa motseng wa Manaledi.
A re ka yone nako eo ya fa leobo le simololwa go agiwa lephata la gagwe ka le na le maitlamo a go rotloetsa tsa ngwao le ne le setse le na le botsalano le motse wa Manaledi ka o humile mmu wa letsopa o o dirang dinkgwana mme ga boisanngwa le bogogi jwa motse mme ba felela ba kopile gore ba agelwe leobo la kgotla.
Rre Olopeng a re lephata la gagwe le ne gape la tsaya tshwetso ya go abela sekole sa motse oo dibuka di le 167. A re o lebogela gore ka go ya leobo la kgotla e ne ya rotloediwa thata ke banni ba motse ka ba ne ba e tsaya ka mashetla ebile ba na le tumelo e e tletseng ya gore ke ya bone.
O ne a tlhalosa fa go ne go sena madi a a neng a seegetswe kwa thoko e le a leobo mme madi otlhe a a neng a aga leobo leo a a tshwarang P167 793 a ne a tswa mo badiring ba lephata la gagwe ka ba ne ba na le maikaelelo a go direla banni ba motse wa Manaledi.
O ne a kopa bagolo ba motse wa Manaledi go ruta banana ba motse go dira dinkgwana tse di dirwang kwa motseng oo ka di ka thusa go tlhabolola matshelo a bone. O ne gape a rotloetsa banana ba ba setseng ba na le bokgoni jwa go bopa dinkgwana go ipopa mme ba dire dikoporase ba kgone go intsha mo lehumeng.
Tona wa dtsha le matlo Rre Prince Maele o ne a lebogela lephata la banana, metshameko le ngwao tiro e kgolo e ba e diretseng motse wa Manaledi a bolela fa ba sa itumedisa motse oo fela mme ba itumedisitse kgaolo ya Lerala/Maunatlala ka bophara.
A re tiro eo ke tiro e tona ka e bile e ne e dirwa ka boithaopo mme go sa batliwe sepe mo banning.BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MANALEDI
Event : Kabo leobo
Date : 17 Aug 2015






