Breaking News

BHC e fa ba motlakase boroko

17 Aug 2015

Koporase ya Botswana Housing Corporation e abetse Botswana Power Corporation matlo a le 138, mo go a le 158 a e a agileng kwa kgaolwaneng ya Mmaphula west kwa extension 7 mo Palapye.

Matlo ao otlhe a a 158 a mangwe a one a santseng a agiwa a lopile P74.3 million pula, go akarediwa le tsotlhe tse di tlhokegang jaaka motlakase, metsi, kgopho ya metsi a a leswe le ditsela. Matlo ao, a abetswe ba BPC ntateng ya ditumelano le tshwaragano le ba BHC.

Matlo ao fela jaaka matlo mangwe le mangwe a kgaogantswe ka botona ja one le mofuta o a agilweng ka one, fa a a masome mabedi mo go one a mabotlana a ne a dirwa e le a motlaleletsa go dira palo yotlhe ya 158.

E rile a ba neela matlo ao mookamela koporase ya matlo Rre Reginald Motswaiso a supa fa e rile tiro eo e simologa ga nna le madiadia, mme ba seka ba wela mo sebakeng se ba neng ba se beile go wetsa tiro eo, o ne a re le fa go ntse jalo seo se se ka sa ba kgoba marapo ba ne ba wetsa tiro ka boleng jo bo kwa godimo fela thata le ka manontlhotlho.

O ne a supa fa ba ne ba kgaoganya tiro eo ka dikompone di le pedi, ebong ya CC projects( PTY) Ltd e e neng ya neelwa matlo a le 76, ka P40.3 million, fa ba Netbuilders (PTY) Ltd bone ba ne ba neelwa a le 82 ka P32 million. O ne a re boleng ja tiro eo bo ne ja seka ja nna jaaka moreki a ne a batla mme go ne ga nna le dipaakanyo  gore tiro e tswelele ka fa e neng ya dumelanwa ka teng.

Rre Motswaiso o ne a akgola dikompone tse pedi tseo go bo di ne tsa leka ka bojotlhe go tswara nako le fa dikgoreletsi di nnile teng le gore ba dirile tiro e ntle e le ruri, mme a bo a bapatsa koporase ya gagwe a re ene le bomankge ba dikago fela ba tlaa bo ba kopa setshaba go ba dirisa fa ba ba tlhoka gore ba age dikago tse di nang le boleng.

O ne gape a tlhalosa fa ba abetswe lefatshe le ba yang go aga matlo al e 300 mo go lone, mme a supa fa e tlaa re mo bogaufing ba wetse matlo a le 104 e le bontlha bongwe ja go gagabela kwa palong e e umakilweng, o ne a re o lemoga sentle kgolo ya motse wa Palapye gore le fa ba tsweletse ka go aga jaaka tlhaelo ya matlo le yone e tsweletse ka go hupediwa ke kgolo ya motse.

Rre Motswaiso o ne a re ba tsentse letsogo go utlwala mo dikagong tsa puso le dingwe tsa beng, a re ditiro tseo tsotlhe ba di dirile ka botswapelo.

Fa a amogela matlo ao mo boemong ja mookamela koporase ya BPC, mogolwane wa tsa tupo dibuka tsa madi Rre Ngale Ngale mo boemong ja mogolwane wa gagwe o ne a supa fa letlhoko la boroko la bodiredi ja ba phetlho ya motlakase le ne le ba paledisa go dira ka natla, mme a re jaanong ba ya go ntsha gotlhe ka ba bone boroko.

A re koporase ya gagwe e tlhokana le go fa bodiredi bo le 300 boroko, ba ba tshwanelwang ke go direla mo mafaratlhatlheng a motlakase a Morupule A, mme ntateng ya letlhoko la madi ba kgonne go ba bonela matlo a le 200 fela ba Morupele A le B, a a rileng ba ne ba a a abela bodiredi jo bo dirang ka go fapaana le bomankge le ba bangwe fela jalo ka ditiro tsa bone. O ne are matlo ao a a 138 a lopile ba BPC go feta P100 million, mme a supa fa ba na le a mangwe a le 59 a le one e leng a BHC.

O ne a re o itumelela gore matlo a ke a boleng jo bo kwa godimo fela thata, mme a re matlo a tsile ka nako e e lebanyeng, le gone go itumelela tirisano mmogo e e nnileng teng fa gare ga dikoporase tse pedi tseo.

O ne gape a leboga banni ba Palapye go bo ba ne ba seka ba fediwa pelo ke dithole tsa dikago tseo ka nako ya di agiwa, a re ba ne ba supa kemo nokeng ka dinako tsotlhe.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Palapye, mokhanselara wa Mogome Rre Lesedi Phuthego o ne a re go nna teng ga matlo a BHC go tlotlomatsa kgaolo ya Palapye go e baya mo maemong a mantle a go nna toropo ya boraro, ka tebego le kgolo ya yone.

Mme o ne a re boroko ke sengwe sa tse di ka sekeng tsa ithokomolosiwa ka se fa Batswana seriti, o ne a akgola that a ba BHC a re ba tshware fela jalo ba direle lefatshe leno ka botswapelo.

Fa a a fa malebogo mokhanselera wa kgaolo  ya Mmaphule Bophirima o ne a re tiro e ke ya maemo a a kwa godimo fela thata, mme a tlhagisa bao ba ba yang go neelwa matlo ao ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo dikgaolong tsa ext 3,4,6 le 7 a re ba tlhokana le go tswaragana mapodise go bopa dikomiti tsa ntebela ke go lebele.

O ne gape a kopa boradikonteraka go bona gore ba ntsha matlakala pele ba ka emelela go tlogela tikologo e bonala e le phepa. BOPA

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Aug 2015