Phepafatso ke maikarabelo a botlhe
17 Aug 2015
Lephata la tlhokomelo tikologo la kgaolo-potlana ya Moshupa erile bosheng la abela metse ka go farologana dimpho ga mmogo le batsenenela kgaisano ya go sela matlakala go supa bonatla.
Dimpho tseo ke go ba rotloetsa mo go direng boikarabelo jwa go bona gore tikologo e nne e e kgatlhang leitlho ka dinako tsotlhe.
Kabo ya dimpho e ne e tswaretswe kwa kgotleng ya Mogonye, mme moletlo oo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “ Bonno jwa rona, lefatse la rona, boikarabelo jwa rona”.
Mongwe wa bagolwane ba ba neng ba eteletse pele kgaisano eo Mme Kutlwano Moeletsi a re ba ne ba kgaogantse metse ka dikarolo tse tharo ebong metse e metona, metse e fa gare ga mmogo le metse e mennye.Moshupa e ne e le motse o motona mo kgaolong o ne wa kgaoganngwa ka dikgotlana tsa one.
Mme Moeletsi a re go ne go atlholwa go lebilwe tebego ya matlakala, dithotobolo, le gore a go na le mantlwana a boitiketso le matlotla, gore a go na le komiti ya botsogo mo motseng ga mmogo le gore a mabitla aa tlhokomelwa.
Mo batseneleleng dikgaisano go bo go lebilwe gore a dilo tse ba di dirileng ka diatla ka matlakala, a diatla di ne di le dintle, le gore a mme go ne go na le kgonagalo ya gore go dirwe sengwe ka matlakala se se ka rekisiwang.Metse e metona e ne e gaisana e le mene, mme motse wa Manyana o ne wa ikgapela maemo a ntlha, o ikgapela kopi gammogo le thini ya matlakala e tona.
Motse wa Ntlhantlhe o tsere maemo a bobedi mme wa ikgapela setlankana ga mmgo le thini ya matlakala e nnye fa motse wa Ranaka o ne wa ikgapela maemo a boraro mme le one wa abelwa setlankana le thini ya matlakala e nnye mme metse e e ne e tladitswe ke motse wa Letlhakane bophirima.
Mo metseng e e fa gare maemo a ntlha a gapilwe ke motse wa Kgomokasitwa o o ikgapetseng jalo kopi le thini ya matlakala e tona, fa motse wa Lekgolobotlo o bone jalo maemo a bobedi mme wa ikgapela thini e nnye ya matlakala le setlankana fa motse wa Pitseng one o bone maemo a boraro mme wa gapa jalo setlankana le thini ya matlakala e nnye, mme metse e e ne e patilwe ke motse wa Magotlhwane.
Mo metseng e mennye, maemo a ntlha a tserwe ke motse wa Sesung fa a bobedi a tserwe ke Tshwaane mme motse wa Mogonye o ne wa bona maemo a boraro go tswa ko go a ntlha ngwaga o o fetileng.
Maemo a ntlha mo dikgotlaneng tsa Moshupa one a tserwe ke kgotlana ya Moshupa legare, a bobedi a tserwe ke kgotlana ya Moshupa borwa, fa a boraro a tserwe ke kgotlana ya Moshupa bokone.
Mo bathong ba ba dirileng ka matlakala bone ba ne ba kgaogantswe ka matlakala a a dirilweng ka polasitiki, pampiri, ga mmogo le polasitiki e kopantswe le pampiri
Mme mofenyi yo o gaisitseng ya nna Mme Gofaone Moanakgabo go tswa kwa Moshupa yo o ikgapetseng jalo P900 go tswa mo karolong tse tharo tse a gapileng maemo a ntlha karolo nngwe le nngwe ya tsone mme mpho nngwe le nngwe e le P300 ebile a tlhalosa jalo gore o itumeletse madi fela thata ka go se motlhofo gore o ka a fiwa ke motho.
Mme Moanakgabo o ne a dirile mmanki wa diaparo ka direme tsedi bofang mabokoso a melemo, gape o ne a dirile jalo seterechara ka direme tse di bofang ditena ga mmogo le gareteng e e neng e dirilwe ka maungo a setlhare sa Mokabi le dipampiri tsa semonamone se gotweng Monster Pop. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOGONYE
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Aug 2015






