Breaking News

Maiteko a puso a mantle

17 Aug 2015

Kgosi Mbuso Vavani wa Maitengwe o tlhalositse fa a lebogela go bo puso e tsere kgato ya go rotloetsa Batswana ka kakaretso go nna le seabe mo tsamaisong yabodiredi.

A re ka go dira jalo, o ratile mogopolo wa tiriso ya dipampiri tsa patlo maikutlo ka bodiredi le tsa go kwala megopolo e e ka tokafatsang.

O buile seo mo potsolotsong le ba lekala la dikgang la BOPA bosheng, a re mokwalo o ba o dirang o thusa thata, ka o ka kaya bokowa le bokgoni ja babereki.

A re ntleng le seo, go ka nna le tikologo ya tirisano mmogo le tomagano mme a re Batswana ba bantsi mme mo dinakong tse dingwe o fitlhela palo ya bodiredi e le kwa tlase.

Kgosi Vavani gape o ne a re mme batho mo diemong di tshwana le tseo ba tshwanetse go inela puso diatla metsing ka e dira ka bojotlhe go gorosa ditlamelo ko metseng e e farologanyeng.

A re kgato e puso e e tsereng e ema nokeng tsetlana nngwe e e reng mmuso wa batho ka batho, gape puso e e direlang dilo mo pontsheng.

Fa a tswelela, a re o itumelela gore batho le bone ba itse tshwetso e ba tshwanetseng go e tsaya ka dinako tsotlhe mo diemong tse di farologanyeng.

A re o itemogetse gore batho ba dirisa sebaka sa go kwala maikutlo a bone gore le bone ba nne le seabe mo ditsamaisong tsa lefatshe.

Go sale foo, a re le bone ba ba thusiwang ba seka ba gatelela bao ba ba thusang mme o ne a tlhalosa gore bodiredi le jone bo tshwanetse go nna le boikobo, boineelo le lorato mo go ba ba thusang gape ba le tlhaga.

A re isago e mo diatleng tsa Batswana, mme go tlogelwe go latlhelelwa le boitseme ka tseo di ka phutlhamisa itsholelo le tswelelopele.

Gape Kgosi Vavani o ne a gatelela ntlha ya gore mananeo a kana ka thapo tsa leselo, mme a Batswana ba a dirise a ba tshetse botshelo bo ye pele. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : MAITENGWE

Event : Potsolotso

Date : 17 Aug 2015