Molemisi o bitsa mokgosi
17 Aug 2015
E re ntswa dipula tsa ngwaga tlola di ne di le boutsana, ebile balemi ka bontsi ba dule kwa masimong ba iphotlhere, fela, se ga e a tshwanela go nna lebaka la go tlhoka go emela temo ka dinao monongwaga.
Mafoko a a builwe ke molemisi wa Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng Rre Joshua Pagiwa kwa Hatsalatladi fa a ne a buisa phuthego ya balemi.
Rre Pagiwa a re lenaneo la go lemela balemi la ISPAAD le santse le le teng e le maitlamo a puso go ba thusa. A re dipeo, melemo e e bolayang diji le menontshane di tlaa bo di neelwa balemi ba sa lopiwe sepe.
O boletse fa puso e itlamile gape ka go thusa balemi ka terata e ba ka teratelelang masimo ka yone mme ba ntshe sephatlo sa madi a a tlaa lopiwang ke morekisi mme puso e ntshe sephatlo se sengwe.
A re go teratelela masimo go siame thata ka go hema kgwetlho ya go senyediwa ke leruo le tshwana le dikgomo, dihutshane ga mmogo le tsone diphologolo tsa naga tota.
Le fa go ntse jalo, Rre Pagiwa o kgadile a menne phatla balemi ba a reng ga ba dirise mananeo a ka botlalo. A re go na le balemi ba ba tsayang dipeo tse ga mmogo le menontshane mme ba bape le tsone kwa masimo ba sa di dirise a tlatsa ka gore terata yone bangwe ba balemi ba e beile fela kwa malwapeng ka fa morago ga matlo.
A re balemi bangwe fa ba sena go lema ba tlogela masimo mme bo lobeto ba tshwana le mohero, dikgaka le masogo ba sale ba ipha naga. O sedimositse fa go dira jaana e le tshenyetso setshaba ka gore dipeo tseo le menontshane ya teng di ka bo di filwe molemi mongwe yo o kabong a tlhokometse temo.
Molemisi Rre Pagiwa o rurifaleditse balemi gore jaaka molemisi, puso e mo file dithata tsa gore a seka a fa balemi ba ba sa tseeng temo tsia ka mokgwa o dipeo a bo a kopa balemi go nna le tirisanyo e e lolameng le beng ba diterekere.
O gakolotse balemi gore mo seemong sa ba sa kgona go dirisa dipeo kana sepe fela se ba neng ba se filwe, ba mo itsise gore a bone gore o ka babalela dilo tseo jang.
E rile a itebaganya le banana, Rre Pagiwa a ba kgothaletsa go tsena mo temong ka dipalo tse di kwa godimo a tlatsa ka gore temo ga se selo sa bagolo fela.
A re mo pakeng e e fetileng ya temo go ne go na le banana ba ba neng ba inaakantse le temo le fa dipula tse di boutsana e ile ya nna sekgoreletsi, a tlhalosa fa monana mongwe mo go bone a ne a roba dikgetsi tse di masome mararo le metso e le supa.
Molemisi Pagiwa o ne a wetsa puo ya gagwe ka go kgothaletsa balemi go tsenelela ditshupo a supa fa go le botlhokwa thata go nna le sebaka sa go amogana maele le balemi ba bangwe ba ba seng mo kgaolong ya bone.
O kopile balemi gore ba seka ba rekisa masimo a bone ka lefatshe le le botlhokwa fela thata. E rile fa ba mo kgwa kgaba, balemi ba motse wa Hatsalatladi ba supa fa ba lebogela mananeo a puso e ba a beileng pele mme ba kaya fa go sena tirisanyo mmogo e e tletseng fa gare ga bone le beng bangwe ba diterekere.
Mongwe wa balemi ba e bong Rre Mmolotsi Montshwari o rotloeditse balemi go tlhokomela diterata tsa masimo a bone. A re balemi bangwe ba sale ba tsentse terata dingwaga tse dintsi tse di fetileng mme ga ba e tlhabolole ka go e baakanya fa e sa itekanelang teng.
Rre Montshwari a re terata ke selo se se tshwanetseng go sekasekiwa ngwaga le ngwaga fa molemi a ipaakanyetsa go lema. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : HATSALATLADI
Event : Phuthego
Date : 17 Aug 2015






