Tshwaragano e tsisa phenyo mo thutong ya bana
17 Aug 2015
E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, batsadi ba baithuti ba sekole se sebotlana sa Tshwaane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba ntse ba ba thusanya le barutabana go ntsha maduo a mantle a baithuti.
Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Rre Pontsho Balatlheng a re ba itumelela seabe le thotloetso e batsadi ba motse oo ba e supang tebang le dithuto tsa bana ba bone.
A re sekole seo se tswa kgakala se dira sentle fela thata, mme sephiri sa katlego ke tshwaragano ya batsadi le barutabana. O kaile fa kgolo ya maduo e tlhotlhelediwa ke komiti ya batsadi le barutabana ka go nne ba berekisana sentle fela thata.
Rre Balatlheng a re ntswa go santse go na le bangwe ba ba dumelang gore thuto ya bana ke boikarabelo jwa barutabana fela, mme gone bontsi bo ikiteile ka thupana go betlela bana ba bone bokamoso jo bo phepha ka go ba rotloetsa go ikanya thuto.
A re gangwe le gape, fa batsadi ba bileditswe diphuthego mo sekoleng ba di tshologela ka makatlanamane, go tla go amogana le barutabana dikgwetlho tse bana ba nang natso le go tswa ka maano a go tokafatsa seemo.
Rre Balatlheng a re le bone fela, e le komiti ya batsadi le barutabana ba kgona go ntsha maduo a mantle ka ntlha ya kemonokeng ya batsadi, a supa fa batsadi ba kgona go ithaopela go dira ditiro dingwe mo sekoleng.
A re ko sekoleng seo, ga ba beye sebete mokgwa wa go supasupana ka monwana fa dilo di sa ba tsamaele sentle mo sekoleng gongwe maduo a baithuti a se a mantle, mme ka dinako tsotlhe ba netefatsa gore ba phuthaganela kwa sekoleng go bona gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae.
A re gape barutabana mo sekoleng seo, le bone ba bulegetse batsadi go ba amogela ka dinako tsotlhe, gore le bone ba ba atumele mme ba seka ba retelelwa ke go ntsha dikgakololo tse ba ka tswang ba na natso.
A re tshwaragano e e nametsa pelo fela thata mme a kopa batsadi go tsweledisa mowa o, a tlhalosa fa seo se ka thusa puso mo maitlamong a yone a go diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba ya 2016,la tshaba e e rutegileng.
O ne a tswelela ka go rotloetsa batsadi go laola bana le gore gangwe le gape ba nne ba okomela dibuka tsa bana go di sekaseka le go bona ka fa ba tsweletseng ka teng, gore fa ba sa dire sentle ba ba thuse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 17 Aug 2015






