Breaking News

Go itse mebala ya motho mo tirong go 8232botlhokwa

17 Aug 2015

 E ne
ya re bosheng ba ofisi ya ga Tautona ba e leng batlhatlheledi ba dithuto tse di
ka ntshang maduo mo tirong ba tshwara dithuto puisano le badiri ba lephata la 
dikitsiso le kgaso maikaelelo e le go ba ruta ka botlhokwa jwa go itse go
 dirisana sentle le badiri ka bone ga mmogo le setshaba.

Thutopuisano eo e ne e
tshwerwe kwa Selebi Phikwe kwa oteleng ya Stone House. Fa a bua bangwe ba bagolwane
go tswa kwa ofising ya ga Tautona, Mme Nurse Magwadi le Mme Goabaone Seabo ba
re go itse motho fa o dira le ene segolojang mo tirong go botlhokwa ka go ka
thibela dikgotlhang.
O tlhalositse fa motho a le mefuta e le mene ya mmala
ebong mmala o motala jwa letlhare (green), gouta (gold),botala jwa loapi
(blue),le o mongwe wa Orange wa mmala wa Namune.

O supile fa motho yo o mmala
o motala jwa letlhare a dira tiro a lebile molao maikakelelo e le go tlhomamisa
gore o setse molao morago, yo o mmala o gouta a dira dipatisiso pele fa a dira
tiro ya gagwe fa yo o mmala wa namune a dira tiro ka bofafalele ebile a sa dira
dipatlisiso,fa wa mmala wa botala jwa loapi (blue) e le motho yo o ratang
kagiso ka dinako tsotlhe ebile a le kutlwelo botlhoko.

Mme Seabo a re go itse ka
mebala e go neela modirelapuso sebaka sa go ka tsaya ditshwetso tse di siameng
fa ba dira le setshaba le badiri ka bone.

Bangwe ba batsena
thutosekadipuisano ba ne ba re thuto e ba rutile go le gontsi bogolo jang go
dira le setshaba le badiri ka bone go ntsha maduo a a isang lefatshe leno kwa
godimo le ka bokgabane. ebile ba le kutlwelo bothoko. Batsena thutopuisano ba ne ba
tswa Bobonong le Selebi Phikwe e le ba maphata a dikitsiso le kgaso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Thuto puisano

Date : 17 Aug 2015