Breaking News

Modulasetilo o kgala boitseme jwa banana

16 Aug 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Dikgatlhong kwa kgaolong-potlana ya Lentsweletau, Mme Hildah Gosego, a re o tshwentswe ke dipalo tse di kwa tlase tsa banana ba motse oo ba ba sa dirising mananeo a puso a nyeletso lehuma. 

O ne a tlhalosa mo potsolotsong fa go na le monana a le mongwe fela yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma. O tlhalositse fa banana ba supa ba le mo Tirelo Sechaba mo sekoleng se sebotlana sa Dikgatlhong.

Mme Gosego a re bontsi jwa banana ba motse oo, ga ba bereke mme e bile bangwe ba nna fela mo malwapeng fa bangwe ba ile ditoropong go ya go senka mebereko kwa ba sa e boneng teng.

A re ba lemogile fa boitseme e le jone bo dirang gore banana ba, ba seka ba dirisa mananeo gotlhelele. O tlhalositse fa motse wa bone o tsaya ditlamelo kwa Lentsweletau mme a re banana ba ipata ka gore se se ba kgoba marapo ka jaana tlhaelo ya dipalamo e le kwa godimo.

Monana, Mme Vetuuru Musengua, a re ene o paledisiwa ke go dirisa mananeo a ka gore ga a tlhaloganye dipampiri tse di dirisiwang. O ne a tlhalosa fa babereki ba sa supe kgatlhego ya go ba thusa ka le bone ba tlhalosa fa ba sa itse, mme se se ba kgobe marapo.

Mme Mberivereka Toromba o ne a tlhalosa ba fa ba le boitseme mme e bile ba sa supe kgatlhego e le banana.  Monana yo o thusitsweng ka lenaneo la LIMID, Mme Keamogetse Nkago, o ne a tlhalosa fa e rile ngogola a seka a ipona tsapa mme a botabota kwa Lentsweletau go kopa thuso. 

O ne a tlhalosa fa e rile ngogola ka Seetebosigo a atlega mme a neelwa dipodi di le lesome le boraro mme fa mo bo gompienong di setse di le lesome le bosupa. 

O ne a tlhalosa fa a gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro le le mo lefatsheng mme a bona go le botoka go le aramela le sa tlhabile.  O ne a rotletsa banana ba motse oo go se ipone tsapa le go nna pelo telele fa ba kopa dithuso ka mananeo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 16 Aug 2015