Breaking News

Porati are lehuma le emelwe ka dinao

16 Aug 2015

Molaodi yo mosha wa kgaolo-potlana ya Bobirwa o ipegile mo morafeng kwa kgotleng ya Bobonong bosheng. Rre Loeto Porati o tsere marapo mo go Rre Mompoloki Mochanang yo o fudugetseng kwa Jwaneng.

A re dingwe tsa dikgang tse a tla a itebaganyang le tsone thata ke nyeletso lehuma, go tokafatsa maduo mo dikoleng, go kganela mogare go tswa go mmangwana go ya leseeng le tshenyetso setshaba.

Fa a ama nyeletso lehuma, a re batho ba  tshwanetse go lebelela kwa morago gore bagologolo ba ne ba kgona jang jaaka ba ne ba dira mafisa le go lema gammogo le go abelana dijo morago ga temo.

A re maikaeelo a mangwe a bone ke gore ba phatlalatse mananeo a nyeletso lehuma mo go tseneletseng. A re mo diphuthegong tse di tlaa bong di buisiwa, difomo tsa mananeo a nyeletso lehuma di tlaa abiwa go neela baikopedi sebaka.

A re batsadi ba tshwanetse go tshwaragana le barutabana go tokafatsa maduo a bana go sa kgathalesege gore a bone ba rutegile kgotsa jang, a re ba lwantshane gape le boimana jwa bana ba sekole.

Rre Porati o kopile banni go leka ka bojotlhe gore ba kgone go fitlhelele maitlamo a gore go se ka ga nna le lesea le le tsholwang le na le mogare.

Ka jalo fa mosadi a ka itsholofela a itse kgotsa a sa itse seemo sa gagwe sa mogare a potlakele go babalela leseanyana leo.

Fa molaodi a tlhagisa ka tshenyetso setshaba o ne a tlhalosa gore badirelapuso ga ba a tshwanela go duelelwa go dira ditiro tse ba setseng ba di duelelwa ke puso, a re ba lebogele se ba na leng sone go itsa go felela kwa kgolegelong.

Batsena phuthego ka bontsi ba ne ba lela ka gore ba bewa ka fa mosing ke mapodise, bakwaledi le ba matlhoko a leruo ka gore ga ba nne teng kwa kgotleng fa go na le theko ya dikgomo.

Ba re se sengwe gape ke gore lesaka le senyegile, dikgomo di kgona go tlhaga di bo di golafatsa batho, le gore matlhabelo a oketse palo ya dikgomo tse di tlhabiwang mo letsatsing ka gore kgaolo ya Bobirwa e tona.

Fa a ba kgwa dikgaba Rre Porati o ne a ba gakolola gore ka dinako tsotlhe ba sale tsamaiso ya theko ya leruo morago, a solofetsa go rotloetsa  go atolosiwa ga  matlhabelo.

A re o tlaa leka gore badiri botlhe ba ba tlhokafalang ka nako ya theko ya ba nna teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Neo Bogosi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Aug 2015