Letlhoko la didirisiwa le kgoreletsa Ipelegeng
16 Aug 2015
Ba bereki ba Ipelegeng kwa Thamaga ba ikuetse ka letlhoko la didirisiwa le ba reng le ba ketefaletsa tiro.
E rile fa ba itekodisa modulasetilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Duncan Ramasiagopana, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa motseng oo bosheng, babereki bao ba tlhalosa gore fa e sa le ba simolola go phepafatsa motse ka go kgaola ditlhatshana le go fokotsa dikala mo
ditlhareng, ba a sokola ka jaana ba sena didirisiwa jaaka dishaga le dilepe.
Ba ne ba tlhalosa fa ba feletsa ba dirisa dikgong go kgaola dikala. Ba ne ba tlhalosa fa ba tlhoka dilwana tsa itshireletso di akaretsa ditlhako le diatlana ka ba tlhalosa fa ba tsamaya ba sela matlakala a a leswe.
Ba re mo nakong ya gompieno ba dirisa dipolaseteke e le nngwe tsela ya go itshireletsa mo go tshwareng leswe, selo se ba reng ga se a sireletsega e bile se baya matshelo a bone mo diphatseng.
E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Ramasiagopana, o ne a tlhalosa fa khansele e leka thata go isa didirisiwa ka nako. O ne a rotloetsa komiti ya motse ya ditlhabololo gore e re fa di didirisiwa di tlhaela, ba tseye bontlha bongwe jwa madi mo letloleng la bone ba rekele babereki didirisiwa.
Mo go tse dingwe Rre Ramasiagopana o gakolotse banni go kwadisa ba-na-le bogole gore ba tle ba thusiwe ka madi le dijo.
A re e tlaa re kgwedi eno e le masome a mabedi le bone, bo mmaboipelego le ba botsogo ba tsamae mo dikgotlaneng ka go farologana mo Thamaga ba sekaseka le go kwadisa ba-na-le bogole mme a kopa batho gore ba seka ba ba fitlha kgotsa ba ba tlogela kwa masimo ka seo e tlaa bo e le go ba rontsha tshwanelo ya bone.
Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa fa e se mo-na-le-bogole mongwe le mongwe yo o tlaa thusiwang ka jaana go sekasekwa gore a mme bogole jo motho a nang le jone ke jo bo ka mo itsang go iphataphatela.
Rre Ramasiagopana o tlhalositse fa ba-na-le-bogole ba ba ko tlase ga ngwaga le sephatlo, ba tlaa thusiwa ka dijo mme ba ba dingwaga tse di lekaneng ba tlaa thusiwa ka madi.
O ne a tlhalosa fa go tlaa nna le bangwe ba ba tlaa thusiwang ka madi le dijo go lebilwe bogole jwa bone gore ke jo bo ntseng jang, le gore ba tswa kwa
tikologong e entseng jang kwa lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Aug 2015






