Breaking News

Lenaneo la SHHA ke mafitlhisa go beng

16 Aug 2015

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga o kgothaditse banni ba Thamaga go dirisa lenaneo le le agelang batho matlo le go a tokafatsa la SHHA.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgosing bosheng,  Rre Duncan Ramasiagopana, a tlhalosa fa go lebega batho ba le bantsi ba sa tsibogele lenaneo le ntswa le na le maduo mantle e bile le akaretsa motho mongwe le mongwe yo o amogelang madi a a simololang ka P366 go ema ka P4 000.

E rile ba mo kgwa kgaba, batsena phuthego ba supa fa ba leka go dirisa lenaneo leo mme sebe sa phiri e le gore go tsaya lebaka go thusiwa, ba tlhalosa fa se se ba kgoba marapo. 

Mongwe wa dibui, Rre Motshwari Tsholo, o ne a tlhalosa fa ba ngongoregela go agelwa matlo a mofuta o o  tshwanang mme a re go ka nna botoka fa ba ka letlelewa go itlela ka mealo ya matlo a ba a batlang.

Mookamedi kwa ofising ya dithuso mo Thamaga, Mme Mmaphefo Moatlhodi , o ne a tlhalosa fa e se boammaaruri gore batho ga ba thusiwe fa ba itlela ka mealo ya matlo a ba a batlang. 

O ne a tlhalosa fa ba sa kgetholole fela fa e le gore ntlo eo ga e fete seelo sa dithuso tsa madi se se beilweng. O ne a tswelela a tlhalosa fa gape ba kgona go
thusa motho go feleletsa ntlo ya gagwe.

O ne a bolela fa go thusiwa mongwe le mongwe yo o nang le sesupo sa gore o a amogela kgwedi le kgwedi ka jaana ba tshwanelwa ke go busa madi a ba thusitsweng ka one.

O ne a gatelela kgang ya gore, madi a ga a na morokotso. O ne a tswelela a tlhalosa fa ba sa thuse babereki ba Ipelegeng ka lenaneo le ka gore tiro ya bone ga se ya sennela ruri jaanong ba ka tloga ba tlhaelela mo tseleng go busa madi a ba thusitsweng ka one.

O ne a rotloetsa morafe go tla kwa ofising ya bone go tla go botsa thata ka mananeo a puso le go tlhaloganya ka fa a berekang ka teng. O ne a tlhomamisa fa dipalo tsa batho ba ba dirisang lenaneo le la SHHA mo motseng wa Thamaga di le ko tlase fela thata. BOKHUTLO

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Aug 2015