Go tlhoka Omang go baa Kebifile ka fa mosing
16 Aug 2015
Mme Josephine Kebifile, yo o tlholegang kwa Letlhakane, a re ga a na Omang ka jaana mmaagwe a tlhokafetse a ise a e mo direle.
O ne gape a tlhalosa fa a sa itewa seatla e bile e le molwetse wa kankere.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kebifile o tlhalositse fa a tshelela mo botlhokong ebile a sa bone boroko. Mme Kebifile o tlhalositse fa seemo sa bolwetse se simolotse ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng mme seemo sa bifela pele ka kgwedi ya Morule morago ga keresemose.
O boletse fa a ne a ile kwa kokelong ya Letlhakane mme ba mo fetisetsa kwa kokelong ya Nyangabwe kwa a tswang go bona thuso e e neng ya ritibatsa botlhoko.
O tshwanetse go ya go tlhatlhobiwa kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi. A re ba bongaka ba mo gakolotse gore a sa amane le mogote ntswa a na le losea le le tlhokang gore ale direle mashi ka a sa amuse ka lebele.
O boletse fa a ne a bereka ele modisa wa dipodi ko merakeng ya Metlhabeng pele ga a tlhaselwa ke bolwetse mme mo nakong ya gompieno a sa kgone go itirela sepe.
O na le bana ba babedi,yo motona o lekanye go tsena sekole mme go padile ka a sena sesupo sa gore ke Motswana.
Yo mongwe o dikgwedi tse nne.
Mme Kebifile o supile fa a tshelela mo lehumeng le le maswe ka a sa thusiwe ka mananeo a puso ka lebaka la go tlhoka karata ya Omang.
O tlhalositse fa a sa kgone go nna lebaka, mme go batla a tlhola a rapame fela.
O boletse fa a tlhokomelwa ke mmangwaneagwe yo e leng ene yo o bapalang mogwana, ba o rekise mme ba kgone go reka dijo.
Ba lelwapa la ga mme Kebifileba ba nna mo ntlong ya mmu e ruletswe ka bojang mme e se mo seemong se sesiametseng go nna molwetse wa sepopego sa gagwe. Ba nna mo ntlong eo ba le lesome le borobabobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 16 Aug 2015






