Breaking News

Lephata le tlaa tsibogela seemo sa kokelo

16 Aug 2015

Mothusa Tona wa Botsogo, Dr Alfred Madigele, a re lephata la gagwe le tlaa tsibogela dilelo le matshwenyego a kokelo ya Letsholathebe II kwa Maun.
Dr Madigele o buile jalo fa a etetse kokelo eo bosheng.

A re matshwenyego, a akaretsang go na ga borulelo, ke a a tshwanetseng go tsibogelwa ka bofefo, segolo jang ka dinako tsa dipula di setse di le gaufi. A re go itlhokomolosa go na ga borulelo go ka baka tshenyo e ntsi thata e e ka felelang e lopile puso diketekete tsa madi go baakanya.

Mothusa tona a re lebaka le le dirileng gore a tsene ka kokelo eo le fa a ne a fetela kwa Gweta ke go utlwa dipego tsa bosheng tsa gore metsi a kokelo eo a kgotlelesegile, ka jalo a batla go utlwa gore seemo se ntse jang le gore ba thusa balwetse jang.

Mothusa tona o bile a akgola bogogi jwa kokelo eo a re e re ba ne ba sa itse gore o etla, o e fitlhetse e le phepa. A re mo dikokelong tse dingwe, go na le dikgang tsa gore badiri ga ba tsee balwetse sentle mme a kgala mokgwa oo.

Dr Madigele o ne a batla go itse gore seemo sa bolwetse jwa Malaria sone se eme jang mo kgaolong eo le go batla go itse ka seemo sa didirisiwa dingwe jaaka dikoloi,.

A re lephata le na le dikoloi tse ba ikaelelang go di kgaoganya ka botlhoki jwa dikgaolo mme a re le yone kgaolo eo e tlaa bona sengwe.
Mookamedi wa kokelo, Dr Maxwell Mungisi, a re beke le beke ba tlhatlhoba seemo sa bophepa jwa metsi, mme a re bosheng ba fitlhetse a kgotlelesegile.

A re ba ne ba tsibogela seemo ka go reka metsi kwa khamphaning nngwe go siela balwetse fa ba sa ntse ba baakanya boranyane. Le fa go ntse jalo e ne ya re morago seemo sa boela meriting.

A re dikgwetlho tse dingwe tse ba nang le tsone ke ditswalo tse di wang. Dr Mungisi a re go boammaaruri gore ba na le dikgang tsa badiri ba ba sa tseeng balwetse sentle le fa di se dintsi, mme a tlhalosa fa gantsi ba di tseela dikgato, a tlatsa ka go re tlhaelo ya dingaka le yone ke yone e befisang seemo.

Dr Mungisi o bile a re ba tshwenngwa gape ke seemo sa baoki le dingaka tse di santseng di gana go ya go berekela kwa kgaolong eo. A re go setse go na le dikokelwana tse pedi tse di fedileng tse di belegisang mme di sa bulwa ka ntata ya tlhaelo ya baoki ba ba belegisang.

Dr Christopher Chembe ene o ne a re ba na le bothata jwa tlhaelo ya boroko jwa baoki. A re dikokelwana tse di kwa ntle ga Maun di santse di se na motlakase mme a re seo se gogisa baoki bokete fa go tla mo go ntsheng maduo.

Dr Chembe a re ba na le dingaka di supa fela, a re ba ne ba roba bongwe mme ba babedi ba tlogetse tiro. Le fa go ntse jalo, a re ba itumeletse go goroga ga bomaitseanape mo kgaolong eo bosheng.

Mabapi le dipilisi tse di ritibatsang manokonoko a mogare wa HIV, a re ba na le tirisano e ntle le beng ba dikgwebo tsa maroko kwa makgobokgobong go ba thusa ka dipalamo go ya teng go ya go thusa balwetse.

O ne a tlatsa ka go re letlhoko la dikoloi ke lone le gantsi le ba kgoreletsang go dira tiro ka ba na le dikoloi tse di rwalang balwetse di le pedi mme fa di isitse balwetse kwa Mahalapye e sala e le selelo le khuranyo ya meno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Tekodiso ko kolelong

Date : 16 Aug 2015