Poifo Modimo konokono mo kgodisong ya ngwana
16 Aug 2015
Go godisetsa ngwana mo poifong Modimo go kailwe fa go le botlhokwa ka go na le seabe se se tona mo boitsholong jwa gagwe. Se se builwe ke Moruti Mothusi Motlhanka wa kereke ya Assemblies of God kwa Bobonong mo potsolotsong bosheng.
Rre Motlhanka a re ngwana yo o golelang mo kerekeng o rutiwa botlhokwa jwa poifo Modimo ga mmogo le go tlotla ba ba tshelang le ene, mme se se dire gore a nne le botshelo jo bo eletsegang mo setshabeng.
O ne a tlhalosa fa go godisa ngwana mo nakong ya gompieno go farologane thata le mo nakong e e fetileng ka batsadi ba faraferwe ke mabaka a mmereko le ditiro tsa selegae.
A re se se baka gore batsadi ba seka ba nna le nako e ntsi ya go ka ithuta bana ba bone le go aga maitsholo a bone. Rre Motlhanka o kaile fa go inaakanya le dikereke go thusa gore bana ba kgone go bona bogakolodi jo bo botoka ka go sa ba neele sebaka sa go tsaya boitsholo jo bo sokameng go tswa mo ditsaleng.
O ne a lebogela sebaka se ba se fiwang e le baruti ke bogogi jwa dikole tsa Bobonong go rutuntsha bana ka lefoko la Modimo. A re se se ba fa tsholofelo ya gore ba tlaa kgona go diragatsa seabe sa bone e le dikereke sa go diragatsa tebelopele ya Botswana go nna setshaba se se siameng e bile se na le botho.
Fa a tlatsa mafoko a, moruti Tebogelo Taolo, wa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) mo Bobonong, o ne a supa fa go le botlhokwa gore kgodiso ya ngwana e nne maikarabelo a mongwe le mongwe mo setshabeng.
O tlhalositse fa bogologolo kgodiso ya ngwana e ne e le motlhofo ka boikarabelo jwa ngwana bo ne bo le mo maruding a mo-na-le-seabe mongwe le mongwe. A re go boela mokgwa o, go ka tokafatsa thata boitshwaro jwa bana ka keletso e le gore ngwana a gole e le motho yo o maikarabelo e bile a le botho.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segomotso Basuti
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 16 Aug 2015






