Breaking News

Banni ba Mmutlane ba atla mananeo

16 Aug 2015

Kgosi Matsoga Gaogane wa Mmutlane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye a re banni motse wa gagwe ba itumelela mananeo a puso ebile ba inaakantse le one ka dipalo tse di kwa godimo

Fa a bua mo potsolotso bosheng, Kgosi Gaogane o tlhalositse fa mananeo a akaretsa thuo ya dipodi le la dikoko le Ipelegeng. Le fa go ntse jalo kgosi o tlhalositse fa barui ba ba thusitsweng ka lenaneo la LIMID ba lebaganwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya metsi le mafulo ka gore motse o monnye gammogo le bogodu jwa leruo.

Kgosi o ne gape a supa fa a itumedisiwa ke ditlhabololo tse di dirilweng ke mmuso mo motseng wa Mmutlane. O kaile fa ditlhabololo jaaka tsela ya sekonotere e e tsenang mo motseng e ba sa bolong go e batla,motlakase, kokelwana le maranyane a kitsong centre di fetotse matshelo a banni.

Mo go tse dingwe, Kgosi Gaogane o supile matshwenyego ka borukutlhi jwa go thuba marekisetso le matlo a banni go bo go utswiwa dithoto. O tlhalositse fa borukutlhi jwa go nna jalo bo le bosha mo Mmutlane.

Kgosi o ne gape a supa fa basa robadiwe ke tiriso ya ditagi tse di sa tlwaelesegang jaaka motokwane. O tlhalositse fa badirisi ba tagi eo ba e tsaya kwa metseng e e mabapi jaaka Mahalapye le Shoshong mme go na le pelaelo ya gore bangwe ba simolotse go rekisa tagi eo kwa Mmutlane.

O kaile gore ntswa tiriso ya motokwane e ise e tseye phekelo e sele, ba tsweletse ka go lemoga ditlamorago tsa go dirisa motokwane jaaka dintwa le go senyega ga ditlhaloganyo mo badirising yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Aug 2015