Mookane o ipelela dingwaga tse lekgolo
13 Aug 2015
E rile bosheng banni ba Mookane mo kgaolong potlana ya Mahalapye baipelela dingwaga tse di lekgolo motse o ntse o le teng.
Mookane o sale a tlhomiwa motse ka ngwaga wa 1915, ke ka moo banni ba neng ba bona go le botlhokwa goipelela dingwaga tseo.
E rile a buwa kwa moletlong oo, Tona wa Lephata la Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, a re go supa boitumelo jo botona go bo motse o tshwana le Mookane o ipelela dingwaga tse di lekgolo.
Tona a re banni ba tswanetse go itumelela gore motse wa bone o humile ditso tse go senang ope yo o ka ba di tseelang.
A re ba tshwanetse gape go ipotsa dipotso gore se se rayang eng mo matshelong a bone ka ba sa le bathibeletse mo kgaolong eo go sena sepe e bile go se motlhofo.
O ne a ba kopa go tshegetsa ditso tsa motse wa bone.
Rre Maele o ne a tlhalosagape gore ba tshwanetse gore ba seka ba lebelela ditlhabololo fela mme ba supe fa go diragetse dilo tse dintsi di akaretsa dikole, dikokelwana ga mmogo le diofisi tsa puso.
A re e re le ntswa bakopane le dikgwetlho tse dintsi go fitlhela fa ba leng teng, ba tshwanetse go itumelela gore ba na le lerato, pelotelele le tirisanyo e e leng yone e babeileng fa ba leng teng.
A re Mookane ke mongwe wa metse e e tumileng ka go nna le baithuti ba tlhwatlhwa, dingaka,barutegi, dikgosi, borametshameko, baruti ba motia ga mmogo le balemi-barui ba lefatshe le ipelang ka bone.
A re ba tshwanetse go ipotsa dipotso gore ka ba na le tsotlhe jaanong ba ka dira eng go tshegetsa seriti se.
Rre Maele a re banni ba tshwanetse go tla ka ditsela tsa go bona gore ba baya motse wa bone mo seemong se o ntseng o le mo go sone kgotsa o itsege ka sone.
A re le bogogi jwa motse wa Mookane bo tshwanetse go lebogiwa fela thata ka bo tshegeditse motse sentle.
E rile a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo Mme Botlogile Tshireletso a leboga banni ba motse wa Mookane go bo ba bone go le botlhokwa go keteka letsatsi leo.
Mme Tshireletso a re dingwaga tse di lekgolo ga se thaka ya motho mme e bile a tlatsa ka gore se se supa popagano, lerato le tirisanyo mmogo fa gare ga banni le bogogi.
O ne a leboga gape gore e rele ntswa ba na le selelo se segolo sa go tlhoka tsela ya sekonotere ga baa ipona tsapa go dira moletlo oo a solofetsa gore o tlaa tswelela a bua le ba balebaneng go bona gore ba bona tsela ya bone ka e bile e ba tshwaraganya le metse ya kgaolo ya Tswapong selo se se ka dirang gore dikotsi tsa tsela difokotsege
Motlhotlhomisi wa ditso, Dr Rodgers Molefi, o ne a tlhalosa ka ditso tsa motse wa Mookane a kaya fa motse oo e le motse o o tlholegileng ka dinako tsa fa go semotlhofo mme e le motse mongwe o o nonneng mo go tsa ditso.
Dr Molefi a re ditso di supa fa Mookane e le motse o banni ba one ba ratang boipelego mme ka jalo o tshwanetse go ipelelwa.
O ne a tlatsa ka gore ‘gaabo motho go thebephatshwa’, mme banni bamotse wa Mookane ga ba a re ka ga ba na ditlamelo tse dingwe ba ka se ipelele motse wa bone.
Le fa go ntse jalo a re ditso tsa Mookane ga di a kwalwa gope mme e bile o tsile go di kwala gore batho ba di bale.
Dr Molefi a re motse o o nale ditso fela tse ka tsone, di nang le barutegi, balemi ba tlhwatlhwa a tlatsa ka gore banni ba motse wa Mookane ke batho ba ba lerato e bile ba le boi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Ipelelo dingwaga tse lekgolo tsa motse
Date : 13 Aug 2015






