Breaking News

Ba Tlokweng ba ipelela ngwao

13 Aug 2015

Ngwao e kopanya merafe ebile go botlhokwa gore e lemogiwe gore banana bogolo jang ba ba tswang kwa tlase ba kgone go e ithuta.

Mothusa modulasetilo wa Batlokwa Development Trust e e eteletseng pele go rulaganyetsa letsatsi la ngwao la Batlokwa Rre Philip Matsetse, o tlhalosise mo potsolotsong  gore ka Matlhatso ba tlaa tshwara letsatsi la Batlokwa la go ipelela ngwao mme moono wa letsatsi leo e le“Ngwao Pinagare.”

Rre Matsetse o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo la ngwao la Batlokwa e le go tsosolosa ngwao ya Setlokwa le go ruta banana ba Batlokwa le setshaba ka kakaretso ka ngwao ya Setlokwa, mme letsatsi leo le tshegediwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Phatwe.

O boletse fa letsatsi leo la ngwao le tlaa tshwarelwa kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa, a re letsatsi leo le gwetlhilwe ke gore ba ne ba lemoga gore kwa ntle ga letsatsi leo ngwao ya Setlokwa e ka nyelela ebile ba lebile gore go na le dilo di le dintsi tsa ngwao tse di sa tlholeng di dirwa ka jalo fa go sena letsatsi la ipelelo ngwao di a
lebalesega.

A re fa ngwao e sa lemogiwe banana bogolo jang ba ba tswang kwa tlase ba tla tlhoka go itse ngwao ya bone le gone gore e teng ba bo ba tseela gore Batswana ka kakaretso ga ba na ngwao.

O tlhalositse fa letsatsi la go ipelela ngwao le le botlhokwa thata ka le neela morafe seriti ebile le thusa go kopanya borara jwa Batlokwa ba ba mo Botswana ka bophara le ba ba kwa Aferika Borwa gammogo le Lesotho.

A re mongwe le mongwe o a amogelesega go tsenelela letsatsi leo go tla go ithuta go le gontsi ka ngwao ya
Batlokwa.

O boletse fa monongwaga ba laleditse ditlhopha tsa mmino go tswa ntlheng tse dingwe tsa lefatshe leno jaaka setlhopha sa Mogobane kwa Ramotswa, setlhopha sa Mafitlhakgosi go tswa kwa

Naledi gammogo le setlhopha sa Culture Spears le tse dingwe. Ditiragalo tsa letsatsi di tlaa akaretsa mmino, maboko, metshameko ya Setswana ka go farologana le go supa disupiwa tsa ngwao  . BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : TLOKWENG

Event : Potsolotso

Date : 13 Aug 2015