Monna o tlhabile ba le bane ka thipa
15 Aug 2015
Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano a tlhabileng borre ba le bane ka thipa.
Ramapodise wa Letlhakeng, Supt Michael Maphephu a re mmelaelwa o tlholega kwa Letlhakane mo kgotleng ya Metsiaela.
A re botlhe ka bone ba tlhabilwe ka nako ya lesome bosigo ka malatsi a a farologaneng, fa go itisitswe kwa sepotong sengwe gone kwa Metsiaela.
Ramapodise a re a le mongwe, yo o dingwaga di masome mararo le borataro o tlhokafetse morago ga go ragosediwa kwa kokelong ya Letlhakane.
Yo mongwe o robaditswe ka dikgobalo tse di masisi kwa Nyangabgwe fa yo mongwe a le kwa kokelong ya Orapa mme le ene o a sidilega.
Wa bone ene o bone dikgobalo tse di potlana. Supt Maphephu a re mmelaelwa o tshwerwe.
Go bolelwa fa mmelaelwa a robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye ka e rile a re o le botsa phokoje a kgopiwa, a wela fa fatshe mme a bona dikgobalo.
Supt Maphephu a re mmelaelwa o lebisitswe molato wa polao le e meraro ya go gobatsa, mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletswe go batlisisa gmodi wa kgang.
Supt Maphephu o lela ka go re kgotla ya Metsiaela o ka re e tswa mo taolong ka ntata ya bojalwa jwa Setswana.
Le fa go ntse jalo a re ba beile seemo se leitlho e bile ba setse ba simolotse go tshwara diphuthego go ruta batho ka borai jwa go iphetisa dino. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : LETLHAKANE
Event : DItlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 15 Aug 2015






