Breaking News

Ba Dikabeya ba tla a bona metsi- Goya

13 Aug 2015

Banni ba Dikabeye mo kgaolong ya Palapye, le leruo la bone ba tlaa sielwa metsi morago ga go lela ka lenyora dingwaga ba supa fa ba lemoga sentle gore ba mo masimong,mme e le gone kwa ba nnang teng nako e ntsi go ntsha dijo le go thokomela leruo.

Mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro  (12/08/2015) banni ba ne ba kopana le baemedi ba mmadikole ba BIUST le mopalamente wa bone morago ga go akantshanya ka se ba ka thusang morafe ka sone.

Moeteledipele wa lekgotla la baithuti kwa BIUST, Rre Enock Government o ne a supa fa tiro eo e ya go tsaya sebaka sa dingwaga tse tlhano go wediwa, mme gosena go itebagangwa le yone fela, gape go tlaa lebelelwa le kgokelo ya motlakase kwa lefelong le go kalelwang bana teng. 

E ne e rile go le pele mopalamente a rola dikgang, a supa fa a ne a ba kopa go dira motshelakgabo gaufi le fa batho ba tlolang teng noka ya Lotsane go ba fokoletsa mosepele wa go latela borogo ja dikoloi ka nako ya dipula.

Mopalamente o ne gape a supa fa ba mmadikole ba na le gone go ka tlhatlhoba metsi ka ba na le boitseanape jwa go dira jalo.

O ne a re seo se ya go dirwa fela le ntswa a tlhaloganya sentle gore Dikabeye ga a ise a tlhomamisiwe go nna motse .

Rre Goya o ne gape a re dikgang tsa bogodu ja leruo di a diega ka di dirwa ke maphata amabedi a botlhotlhomisi le ba bosekisi, a supa gape gore dikgang tsa ditsheko di ntse di tlhatlagane di sa tswelele mme jaanong go na le tema.

O ne gape a tswa ka mogopolo wa mabelo a dipitse mo kgaolong mme a kopa lefelo mo bathong ba Dikabeye gore mabelo ao a tshwarelwe teng, a re seo se ka ba thusa le gone go bona ditiro le letseno ka nako ya dikgaisano.Fa ba tswa la bone morafe one wa tlhalosa ka fa o apesitsweng kobo ka letshoba ka teng ke bogodu jwa leruo.

Mme Dingongorego Oganne le Rre Diteko Kebonang ba ne ba supa fa ba setse ba iphotlhere ke magodu a a ba jelang leruo, ba re podi le kgomo go tshwana fela. Ba kopile mapodise go fodugela kwa Dikabeye.

Mme Ontibile Benjamin le Mme Kesupemang Dimeku ba ne ba akgola thata mokhanselara wa bone ba re o ba direla go le gontsi ka e bile e le monana.

E ne e rile go le pele kgosi ya Dikabeye Rre Pono Letsobe a amogela baeng a supa fa ba tlaa motiwa ke lenyora le leruo la bone, a bo a kopa gape gore a ba fe fa ba lekolelwang teng ke ba botsogo mme ba busediwe kwa Palapye go na le gore gotwe ba wela kwaTamasane.

Fa ba araba ka bogodu ja leruo Inspector Reuben Khagule o ne a supa fa bogodu ja leruo le jone bo ba tshwentse fela thata mo mapodise a neng a tlhoma lekalana le le itebagantseng le bogodu ja leruo mo kgaolong ya Tswapong, mme a supa gape fa tlhaelo ya dikoloi le yone e santse e le sekgoreletsi mme ba leka go itepatepanya le seemoseo.

Ba ne gape ba ikuela ka dipalamo tsa setshaba ba re ba gana go ba pega, mme o ne a re ke tshwanelo yabone gore ba ba pege ka ba neetswe teseletso ya tsela. 

O ne a re maemelo a a sa tlholeng a bereka a ntshitswe go ba sireletsa, gore ba dirise lefelo le le sireletsegileng la mapalamelo a dikoloi tse le tsone di babalesegileng tsasetshaba.

Fa a a fa malebogo Kgosi Michael Maforaga, o ne a re ba na le tshwanelo ya go palapma dikoloi tsa setshaba, mme a ba gakolola go nna ba tsibogela dikgang gore ba thusiwe nako esale teng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Aug 2015