Breaking News

Banni ba kopa gore motse o tlhabololwe

13 Aug 2015

 

Banni ba Letlhakane ga ba kgotsofalele ditlhabololo tse di setseng di dirilwe mo motseng wa bone ba re di saletse kwa morago. 

E ne ya re fa a bua mo phuthegong e e neng e biditswe ke modulasetilo wa khansele . Monni, Rre Keikemetse Shaka o ne a re Letlhakane ke motse o o dikaganyeditsweng ke meepo fela e le mene ka palo, ka jalo go ka bo go setse go na le “lerothodinyana la dithabololo.”

Monni yo mongwe, Rre Otsile Mmatlakgomo le ene o ne a supa gore puso e ba neetse mokwatla, a re sengwe le sengwe mo motseng o se a swafala, go tlhokana gore di ntshafadiwe.

O ne a tswelela a re go thata gore ba kgone go bona dithuso tse ba di tlhokang ka gore le bone badirela puso ga ba ke ba nna teng kwa diofising tsa bone.

Rre Motshwariemang Matseka ele mokwaledi mogolo wa khansele o ne a tshwaela mo go se se neng se buiwa ke banni ba motse a re gore ba bo ba tsaya nako e ntsi ba seyo mo diosifising ke gone gore ba a bo ba ile kwa bagolwaneng kwa Serowe go isa maikuelo a banni ba motse.

O ne a tswelela a ba supegetsa gore moepo wa Debswana o ntsha P4 million ngwaga le ngwaga o neela kgaolo e, mme madi a teng ba a dirisa tse di farologanyeng di akaretsa go agela bana ba sekole matlwana a borutelo le tse dingwe fela jalo ka gore puso e le nosi ga e kgone. 

A re wa Karowe moepo one ke one o itlamileng go tlhabolola matlhabelo. Modulasetilo wa khansele ya Legare Rre Peter Williams o ne a ba tsibosa gore lefatshe la Botswana let samaisa meepo ka tsela e e farologanyeng le ya mafatshe a sele ka jalo ga a kake a bua thata ka diabe tsa meepo, fela jaaka ba itse gore teemane ya Botswana ke ya batho botlhe.

O ne a ba kgothatsa a re ditlamelo di a goroga ka bonya ka bonya mme ba se fele pelo ka gore dilo di tsaya nako go diragala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego

Date : 13 Aug 2015