Modulasetilo o ngongorega ka banana ba tirelo setshaba
13 Aug 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Bonwapitse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Kebadire Goromente o supile matshwenyego ka banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba ba ba senang tiro e ba e dirang.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng Rre Goromente o tlhalositse fa go na le banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba ba ba senang tiro e ba e dirang ko ba thapilweng teng, seemo sa go nna jalo o kaile fa se baka gore banana bao ba felele ba nna fela ba sa dire sepe ba sa ithute go bereka mme ba felele ba sena bokamoso.
O kaile fa mo metseng e e mabapi jaaka Mahalapye banana baba mo Tirelo Setshaba ba bereka fela sentle ko ba thapilweng teng e bile baithutela tiro gore kamoso ba tsoge ba itshetsa fa ba tswa mo Tirelo Setshaba.
O kopile gore bogolo puso e tsenye banana ba go nna jalo dikolo go na le gore ba thapiwe mo maphateng a gosenang ditiro mo go one.
Mo go tse dingwe Rre Goromente o supile fa a sa itumedisiwe ke gore badirelapuso mo motseng waBonwapitse ga ba tle diphuthegong tsa komiti ya ditlhabololo ntswa ba nna ba baitsise ka nako, seemo seo o bolela fa se ba paledisa dingwe tsa ditlhabololotse ba tlaa bong ba ikemiseditse go di dira.
O kaile fa badiri ba botsogo e le bone fela ba ba tsenelelang diphuthego tsa bone.Go sale foo modulasetilo o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe hela sentle mo motseng ebilele tsweletse go dirisiwa go dira ditlhabololo ka bontsi mo Bonwapitse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 13 Aug 2015






