Boteti o tsosolosa ngwao
13 Aug 2015
E re le ntswa moletlo wa ngwao ya Boteti o tshwerwe ka kgwedi ya Motsheganong kwa Rakops, ba komiti eo ba tlhalosa fa Mmabontle a tlaa tshwarwa mo kgweding e e tlang morago ga gore a seka a nna teng.
Go ya ka morulaganyi wa kgaisano e, yo e bileng e le leloko la komiti Rre Kesaobaka Mothanke, kgaisano e e tshwarwa ngwaga le ngwaga e le karolo nngwe ya go ipelela moletlo wa ngwao ya Boteti.
“Re le komiti re kgonne go tshwara kgaisano ya mmabontle wa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano mme ka mabaka a a rileng, re ne ra seka ra kgona go tshwara kgaisano ya ba bagolwane,” ga tlhalosa Rre Mothanke
Kgaolo ya Boteti e dirwa ke merafe e tshwana le ya Bateti, Basarwa, Bakhurutshe, Baherero le Bakalaka mme Rre Mothanke o tlhalosa fa ba dirile kgaisano le moletlo wa go ipelela ngwao ka maikaelelo ago kopanya mmogo merafe e le go ruta Batswana ka ngwao ya kgaolo ya Boteti.
O tswelela ka go tlhalosa gore mo meletlong ya bone ba laletsa ditlhopha tsa mmino wa setso ka go farologana go tla go diragatsa le go ruta morafe.
Merafe le dingwao tse di farologaneng di kopana mmogo mme go nne le disupiwa tsa dijo tsa setso, kapari, metshameko le poko ka diteme tse di farologaneng.
Fa a bua le ba BOPA bosheng Rre Mothanke o tlhalositse fa ba dirisa kgaisano e go kokoanya madi a moletlo mme ba o dirisa gape go rutuntsha banana ka ngwao ya bone.
O tsweletse ka go tlhalosa gore mo mmabontleng makgarejwana a supa bontle jwa kapari ya setso, babo ba rutuntshiwa ka mmino wa setso o ba o supang mo seraleng.
O tlhalosa gape gore bo mmabontle ba botswa dipotso tse di amanang le ngwao mme se se dire gore ba nne le kitso ka ngwao ya bone.Go ya ka Rre Mothanke moletlo le dikgaisano di mo ngwageng wa bobedi di tshwarwa mme di tsweletse sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oageletse Modirwagale
Location : LETLHAKANE
Event : Puisano
Date : 13 Aug 2015






