Breaking News

Majakathata sekai sa tswina ya bodiragatsi

12 Aug 2015

 

Majakathata ke motshameko wa setswana oo gatisitsweng ka ngwaga wa 2014. Ditiragalo tsa one di diragalela kwa Letlhakane mo kgotleng ya Metsiaela.

Goya ka mokwadi wa motshameko e bile ele moanelwa mogolo, Rre Tumelo Lefatshe, yoo tlwaelesegileng ka leina la Ramojaki kana Jakisto mogo tsa bodiragatsi ba simolotse le bodiragatsi a sa le mmotlana kwa sekolong sa Manthabakwe Primary School ko Mopipi ale mo setlhopheng sa Bothakga, Botswerere, Bonatla le Boineelo (4B).

Ya re a sa kgone go fetela kwa pele le dithuto tsa gagwe, Rre Lefatshe o tlhalosa fa a ile a seka a ipona tsapa mme a bona go le botoka go itshetsa ka mpho ea e filweng ke modimo ya bodiragatsi.

“Ke kwadile motshameko wa Majakathata mme ere ka kesa ela tiro ya bodiragatsi kwa sekolong ebile kgetsi ya tsie e kgonwa kego tshwaraganelwa ka kopa thuso kogo Rre Matthews Kitsane wa Soteca Productions,”ga tlhalosa jalo Rre Lefatshe.

Rre Matthews ene o tlhalositse fa a dirile dithuto tsa bodiragatsi kwa Unibesithing ya Limkokwing mme a thusitswe ke lephata la Banana, Metshameko le Ngwao go dira khamphani ya Soteca. 

Go ya ka makawana a, Majakathata ke kgatiso ya bone ya ntlha mme leina le letswa mo mongweng wa ba anelwa ba motshameko. Ba tlhalosa fa ba dirisitse leina le ka le soboka ditiragalo e bile ele lone le tshwereng molaetsa wa motshameko. 

Mo nakong ya gompieno kgatiso ya borre ba ga e ise e aname le lefatshe leno lotlhe ntateng ya letlhoko la madi mme ba tlhalosa fa bale mo dipuisanong le ba lebentlele la Choppies go ba thusa go anamisa kgatiso ya bone. 

Ba tswelela ba tlhalosa gore fa Motswana a batla go reka motshameko o, oka ikgolaganya leba madirelong a Senteco Productions mo Letlhakane. 

“Re ikuela mo dikomponeng ka go farologana mo lefatsheng leno gore thusa ka tsa madi gore rete re kgone go tswelela le tsa bodiragatsi.”Ga itela jalo rre Lefatshe.

Toro ya ga Rre Lefatshe le Rre Kitsane ke go bona motshameko wa Majakathata o tshameka mo setshwantshong sa motshikinyego sa Botswana (BTV) bogolo jang jaaka fa Botswana a tsena mo maranyaneng a digital. Ba tlhalositse gape gore ba eletsa go thamela Batswana ba bangwe ditiro.

Ba weditse ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno ba bereka mo kgatisong ya bobedi ya Majakathata mme ba solofetsa Batswana go tlala tlatlana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oageletse Modirwagale

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 12 Aug 2015