Banna ba tsentse tsebetsebe
12 Aug 2015
Banna bangwe ba le babedi ba tsentse banni ba toropo ya Lobatse tsebetsebe ka go ba thubela matlo le go ba tsenelela bosigo ba robetse.
Superitendant Tebogo Madisa wa Woodhall o buile jalo mo potsolotsong bosheng.
A re banna bao ba tsamaya ba ipapanne ka sengwe se se lebegang jaaka tlhobolo. A re banna bao ba ne ba tsenelela bana ba le batlhano mo ntlung ba robetse ba le nosi.
Yo mogolwane mo baneng bao e ne e le mosetsana wa dingwaga tse di ka nnang lesome le boferabongwe a na le bo monnawe ba le bane basimane bale babedi le basetsana bale babedi.
A re batsadi ba bana bao, ba ne ba tshwerwe ke ditiro tsa selegae. Ka jalo ba ne ba setse ba le nosi mo lwapeng.
Rre Madisa a re ka lesego banna ba, ba ne ba seka ba gobatsa bana kgotsa go dira sepe fela se se maswe mme ba ba tseela mogala wa letheka oo lopileng makgolo a mane a dipula.
Superintendant Madisa a re banna bao ba bua Setswana se se thapileng, mme ba bolelwa ba ka nna dingwaga tse di masome a mabedi.
O ne a tlatsa ka gore go ne go bonala motlhala wa ditlhako tsa banna bao kwa lefelong la tiragalo, mme ga lemotshega fa ele motlhala o le mongwe fela le motlhala oo bonwang mo matlong a mangwe aa thubilweng bosheng.
O ne gape a kopa gore ope fela yo o ka tswang a belaela bangwe a lome mapodisi a a gaufi tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 12 Aug 2015






