Ditsha tsa Betesankwe di tlaa kwadisiwa
12 Aug 2015
Banni ba Betesankwe mo kgaolong ya Borwa ba kopilwe gore ba nne pelotelele ka jaana ditsha tsa bone di tlaa kwadisiwa ngwaga o fela.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, bosheng, mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Maokane, Mme Tebogo Malane a tlhalosa fa ba le mo thulaganyong ya go kwadisa ditsha tsa motsana oo.
A re tiro ya go nna jalo e sale e simolotse morago ga gore Betesankwe a tlhomamisiwe semmuso mme a tlhalosa fa kwadiso ya ditsha e ka seka ya diragala ka ponyo ya leitlho ka jaana gona le dithulaganyo tse di tshwanetseng go salwa morago.
A re ba tshwanetse ba dira moalo o o tlhalosang tiriso ya lefatshe ka go farologana, mme ba tlhoka thuso ya morafe go dira jalo.
A re mo bogompienong ba emetse phetolo ya morafe gore ba eletsa motse wa bone o ka kgaoganngwa jang le gore o gole jang.
O boletse fa dilo tse tsotlhe di tshwanetse go feta ka dikomiti tse di maleba, mme a solofetsa gore go kwadisa ga ditsha go tlaa simolola pele ga ngwaga ono o wela.
O ne a supa fa e rile morago ga go tlhomamisiwa ga motse ba kwala maina a batho ba ba neng ba le foo, ka jalo go ise go nne le itemogelo ya gore bangwe ba ne ba tla kwa morago.
Mme Malane o ne a tsibogela matshwenyego a batho ba Betesankwe ka ba ne ba tlhalosa fa kwadiso ya ditsha tsa bone e diega.
Ba ne ba tlhalosetsa tona gore tiego eo e tlaa feletsa e dira gore bangwe ba basha ba tle go thibelela kwa motseng oo, mme e re kgabagare ba lekgotla la kabo ditsha ba sitege go dira tiro ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2015






