Breaking News

Tlotlang bogosi - Tsogwane

12 Aug 2015

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o kopile merafe go tlotla bogosi.

Rre Tsogwane o buile se mo phuthegong e e faphegileng ya dikgosi le bo ralekgotla ba Seherelela le metse e e mabapi e a neng a e buisa pele a buisa morafe ka Labobedi.

A re dikgang tsa bogosi di rarabololwe ka morero go itsa seemo se se tlwaelesegileng mo bogompienong sa go tlhopha dikgosi.

O ba kopile gape gore ba ise dikgang tsa bone kwa Ntlo ya Dikgosi ka baemedi ba bone gore di tle di rarabololwe koo.

Tona o ne a tswelela ka go kopa dikgosi gore di ntshe bogosi mo sepolotiking ka jaana go dira jalo go ka kgaoganya merafe e ba e eteletseng pele. 

A re tiro ya kgosi ke go bopaganya morafe, mme fa e tsena mo sepolotiking go ka baka gore morafe o kgaogane.

O ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tlhaloganya dikgwetlho tse dikgotla di nanng natso, di akaretsa go tlhoka maobo le go tlhaela ga dikoloi. 

O ne a tlhalosa fa puso e tsweletse ka go araba dilelo tsa bone jaaka go tsweletswe ka go aga maobo a dikgotla ka lenaneo la Ipelegeng.

Kgosi ya Seherelela, Rre Olwetse Dinaane, o ne a leboga tona go bo a dirile thulaganyo ya go kopana le borara jwa motse ka dikgang tse di ba amang. 

O ne a kopa gore mo nakong e e tlang bokopano jwa mofuta o, bo okelediwe nako gore ba tle ba nne le sebaka se se lekaneng go itekodisa tona.

A re e re le ntswa a itse seemo sa puso sa letlhoko la madi, dikgosi di kopa gore ba nne ba tlhatlosiwa maemo gore ba kgothale mo tirong ya bone. 

A re Seherelela o godile mme dikgosana tse a dirang tiro le bone ga di atswiwe ka sepe.

O ne gape a kopa gore ba agelwe ofisi ya kgotla gore ba kgone go dira tiro ka fa go tshwanetseng ka teng go na le fa ba thusetsang morafe teng.

Kgosi Seene Gopane wa Tsonyane ene o ne a re o lebogela mafoko a ga tona a gore dikgosi di seka tsa tsena mo mererong ya sepolotiki.

A re ere ka jaana kgosi ele motho yoo letlanyang, ga a tshwanela go tsaya letlhakore lope gore a kgone go dira tiro ka matsetseleko.

O ne a bolelela tona fa motse wa Tsonyane o saletse kwa morago ka ditlhabololo ntswa o sa bolo go tlhomamisiwa. 

A re o sale a tlhomiwa kgosi e e letlanyang ka ngwaga wa 2001 a thusa le metse e e mabapi mme le jaana ga gona tlhatloso maemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya dikgosi le boralekgotla

Date : 12 Aug 2015