Mananeo a puso ke one tsela - Diphoko
12 Aug 2015
Mme Dikgakgamatso Diphoko o rotloeditse banni ba Setoto segolo bogolo banana go dirisa mananeo a puso.
Mme Dipholo, yo e leng mmereki wa lephata la tsadiso le tlhabololo ya leruo, o buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa Letlhakane Borwa bosheng.
O ne a tlhalosetsa banni tsotlhe tse di tlhokegang go ka thusiwa ka mananeo a.
Banni ba ne ba supa fa ditlamelo di sa goroge kwa go bone ebile go tlatsa dikopo tsa mananeo a puso go le thata mme babereki ba le maoto a tshupa go ba thusa.
Mme Mmaselelo Moalosi o supile fa ba tlhoka kitso e e tseneletseng ka mananeo a puso ebile letlhoko la dipalamo go latela diofisi kwa Letlhakane le le kwa godimo fela thata.
O supile gape mathata a gore ga ba amogelwe ka lerato kwa diofising mme se se baka gore ba nyeme moko ba tlogele.
Fa a ba ama ka lefoko Mokhanselara Rre Aaron Baitsemang o rotloeditse banni go nna le morero le tirisano mmogo ka fa batho ba ikgobokantse go le motlhofo go ka bona dithuso ka go twe moroto wa esi ga o ele.
O ne gape a supa fa a ale teng ka nako tshotlhe ka jalo a ikemiseditse go thusa botlhe ba ba nang le keletso ya go tsaya mananeo a puso.
Monni wa Setoto rre Ramarotse one a itlhaopa gore o tlaa thusa banni ka metsi.Se se ne sa itumelelwa ke banni ba supa fa a tlaabo a ba thusitse k aba skola ka metsi.
Go tlhalosiswe fa madi otlhe a a setseng a dirisitswe mo mananeong a mo kgaolong ya Boteti a feta didikadike tse nne. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2015






