Banana ba Khekhenye ba maoto a tshupa
12 Aug 2015
Kgosi Sekelere Kgope wa Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re o tshwentswe ke go bona banana bangwe ba goga dinao go ithusa ka mananeoa puso.
Fa a bua mo puisanong bosheng, Kgosi Kgope a re le mororo puso e tshwere phage ka mangana go leka go tokafatsa matshelo a banana segolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo, bangwe kwa motseng wa gagwe ba santse ba goga dinao go itlhabolola ka mananeo a.
A re go lebega bontsi jwa banana ba na le kakanyo ya gore kgang ya go tlhama ditiro mo lefatsheng ke boikarabelo jwa puso fela, selo se a kayang se dira
gore ba felele ba iketla mme e re morago ba supe puso ka monwana fa ba iphitlhela ba tshelela mo lehumeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro.
Kgosi Kgope a re puso e tsweletse ka go tlhama mananeo a le mmalwa a a itebagantseng le banana fela, ka maiteko a gore ba itshimololele dikgwebo tse di ka ba tlhamelang ditiro, mme go botlhokwa gore le bone ba ipotse gore seabe sa bone ke eng mo go tlhabololeng matshelo a bone le metse e ba tswang kwa go yone.
O ba gakolotse go dirisa sebaka se go tlhabolola matshelo a bone, e sere gongwe mo isagong ba sala ba lelela kgama le mogogoro mananeo a a sena kwa a ka bonwang teng.
A re mo malobeng go ne go na le mananeo a tshwana le Financial Assistance Policy kana tlhatloso madirelo mme mo bogompienong ga a sa tlhole a le teng.
O supile fa banana bangwe ba supa fa go tlhaela kitso ka mananeo a a leng teng e le lebaka le le ba paledisang go inaakanya le one, mme a nyatsa seipato seo a kaya fa badirelapuso ba a tsisitse le go etela motse oo kgapetsakgapetsa go lemotsha banana ka bomosola jwa go tsaya mananeo a puso.
KgosiKgope a re gangwe le gape dikgwebo tsa banana tse di atlegang mo motseng wa gagwe ke tse beng ba tsone ba ikiteileng sehuba gore ba batla go tswelela mo botshelong ebile ba simolotse dikgwebo tseo ka maikarabelo le lorato.
O kopile ba ba santseng ba iketile go itharabologelwa le go nna majato mo go emeleng matshelo a bone ka dinao ka go dirisa mananeo a a leng teng, ka jaana ba le mo kgaolong e e aparetsweng thata ke lehuma le letlhoko la ditiro.
A re fa Batswana ba ka ikemela ka dinao ba tlhagafalela dithuso tse ba di abetsweng ba ka tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone mme ba inoga mo
lehumeng, gammogo le go tlhabolola motse wa bone.
Go ntse go le foo, o ne a supa fa seabe sa batsadi se le botlhokwa fela thata mo go rotloetseng banana go ikopela mananeo a puso le go a tlhagafalela fa ba setse ba a abetswe, mme a kopa batsadi go ema banana nokeng di nako tsotlhe.
Mo go tse dingwe, Kgosi Kgope o ne a lela ka tlhaelo e e ko godimo ya boroko jwa bodiredi jwa puso, mme a ikuela mo go ba ba maleba go tsibogela seemo se. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Puisano
Date : 12 Aug 2015






