Seemo se a tokafala kwa matlhabelong
12 Aug 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Christian De Graaf, a re seemo kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC) se boela mannong.
Rre De Graaf o tlhalositse jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Karakubis le New Xanagas bosheng.
A re puso e tsere tshwetso ya go abela matlhabelo P300m, e le tsela ya go a thusa go tswa mo dikolotong le gone gore a kgone go duela barui ka nako.
A re tiego ya dituelo e tlaa nna selo sa maloba.
O ne a rotloetsa barui go ema matlhabelo nokeng ka go tswelela ba a rekisetsa dikgomo ka a tlaa tswelela ka go reka dikgomo gore a kgone go tswelelela a rekisetsa mmaraka wa Europe nama ka selekanyo se ba se batlang.
Rre De Graaf o rotloeditse banni ba metse eo go tsaya temo-thuo ka tlhwaafalo ka puso e tshetse madi a mantsi mo go yone.
A re le ntswa go le leuba ebile Tautona a rebotse ngwaga o gore ke wa leuba, puso e ne ya fokotsa tlhwatlhwa ya dijo tsa leruo ka masome a mabedi le botlhano mo lekgolong mo godimo ga moo puso e bile gape ya ntsha P52m go rekela makalana a yone a a rekisang dijo tsa leruo dijo go ka tsweledisa tiro.
A re se se tsile morago ga go lemoga fa bontsi jwa nako makalana a a tlhaelelwa ke dijo tsa leruo mme se se kgoreletsa barui go jesa leruo la bone.
Mopalamente De Graaf o rotloeditse banni go tswakanya thuo ya bone ya dikgomo le ya dihutshane ka lefatshe leno le tlhaelelwa ke dihutshane mo e bileng le di reka mo mafatsheng a a mabapi.
A re dihutshane di na le mmaraka. Puso e tsere tshwetso ya go seegela kwa thoko polasi nngwe mo kgaolong ya Kgalagadi go rua dihutshane e le tsela ya go tswala phatlha e e bulegileng mo mmarakeng.
O kopile banni go ipaakanyetsa go lema jaaka paka ya dipula e atumela, a re puso e ba eme nokeng jaaka gale ka go ba fa dipeo le go ba lemela.
A re balemi ba lela ka tlhaelo ya lefatshe la temo le ntswa go na le bangwe ba ba le filweng mme ba sa le dirise sepe; mme a kopa ba ba nang le lefatshe mme ba sa le dirise go le adima bao ba ba nang le kgatlhego ya go le dirisa.
Banni ba ne ba supa fa ba re ba itumelela madi a a filweng BMC mme ba kopa gore a dirisiwe sentle.
Ba kopile puso go tsenya leitlho tiriso ya madi kwa matlhabelong ao gore a seka a iphitlhela a boetse mo dikolotong gape.
Ba ne gape ba supa matshwenyego ka ditlou tse di senyang terata ya molelwane wa lefatshe leno le la Namibia mme e tseye sebaka go baakangwa, ba supa fa se se le borai ka se ka ba tsisetsa malwetse a tshwana le tlhako le molomo mme ebile gape se e fa dirukutlhi sebaka sa go tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong.
Rre Lehela Motshabisi wa Karakubis a re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka koloi ya lekgotla mo motseng wa bone, a re se se baka gore seemo sa borukutlhi se golele pele ka ba tsibogela dipego tsa tshenyo nako ka ba kopa thuso ya koloi kwa Charleshill o le one o leng kgakala le bone.
E rile fa a araba dikakgelo tsa bone Rre Warren Botsheleng, mogolwane kwa lephateng la diphologolo, a supa fa ba itse ka seemo sa terata ya molelwane, mme a supa fa ba e kata dinako tshotlhe.
A re ba na le komiti ya mafatshe oo mabedi e le go thusana terata mme ba emetse go ya bokapanong go bona gore terata e baakanngwa jang.
Mopalamente o ne a fetsa ka go itsise banni ba metse ka bobedi fa a utlwile matshwenyego a bone, mme a tlaa a isa ko go ba ba maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2015






