Breaking News

Kago ya tsela ya Ncojane e tloga e simolola

12 Aug 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Christian De Graaf, a re tsela ya Charleshill/Ncojane e tlaa simolola go dirwa.

Rre De Graaf o boletse se mo phuthegong ya kgotla Karakubis le New Xanagas bosheng. 

A re morago ga gore kago ya tsela eo e kgorelediwe ke kgang ya kgotla tshekelo, e tlaa simolola ka e setse e neetswe konteraka ya Zac Construction go e aga.

Mopalamente o boleletse banni gore e tlaa re mo bogautshwaneng tona wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsano a tle go rola khamphani e e tlaa bong e aga tsela eo mo kgaolong.

A re kago ya tsela e ke tiro e tona mo kgaolong; ka jaana e tsile go tlhamela banni ba kgaolo ditiro segolo jang banana ka kgaolo e aperwe ke letlhoko le legolo la ditiro.

O rotloeditse banana go ikemela ka dinao go bona gore ba ipaakanyeditse go tla go batla ditiro.

E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba supa fa ba itumelela kago ya tsela e, ba supa fa e tsisa ditlhabololo le go tlhofofatsa mesepele ya bone. 

Ba supile gape fa go agiwa ga tsela e go tlaa fokotsa le dikotsi tse dintsi tsa tsela eo ka e setse e tsere matshelo a le mantsi, segolo ka jaana seemo sa yone e se se se itumedisang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Aug 2015