Modulasetilo wa Kgatleng o lela ka leruo
12 Aug 2015
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re o tshwenngwa ke leruo le le gobeyang kwa Mochudi.
Modulasetilo o boletse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Mochudi ka Labobedi (11/09/2015) fa a ne a lekodisa Bakgatla ka ditirelo le mananeo a puso.
A re makhanselara a ne a thulanya ditlhogo go bona gore ba ka dira jang ka leruo le le nnang mo motseng mme ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore ba le fuduse le ye kwa le tshwanetseng teng.
A re leruo le le ruelwang mo motseng le senyetsa morafe a supa fa le baka le tsone dikotsi tsa dikoloi tota.
O ne a supa fa molao le one o le teng wa gore leruo le seka la ruelwa mo metseng mme o ne a kopa Bakgatla go ipaakanyetsa phetogo eo ya go isa leruo kwa mafelong a a tshwanetseng.
Mokhanselara Morolong a re ba ba ka itlhokomolosang molao oo ba tsile go otlhaiwa a tlatsa ka gore mong wa leruo o tlaa lopiwa dipula tse di lesome ka letsatsi fa leruo la gagwe le ka tshwarwa la isiwa kwa lesakeng la khansele.
Mo go tse dingwe, o ne a bua a sa kgwe mathe ka leswe le le mo motseng wa Mochudi a tlhalosa fa seo se sa siamela botsogo jwa batho.
A re matlakala a a ba tshwenyang thata ke a a mo malwapeng mme o ne a kopa morafe go netefatsa gore lelwapa lengwe le lengwe le na le tanka ya matlakala a tlatsa ka gore seo se tlaa tokafatsa seemo seo se a tlhalositseng fa se sa ba jese diwelang e le makhanselara.
O tsweletse a supa fa khansele e ne ya tsaya tshwetso ya go thapa bora dikonteraka mo kgaolong nngwe le nngwe ya bokhanselara gore e nne bone ba ba tsayang matlakala mo malwapeng go a isa kwa lefelong la matlakala ko Pilane.
Le fa go ntse jalo o ne a supa fa bangwe ba na le mokgwa wa go latlhela matlakala mo ditseleng tse di yang masimong le ko merakeng se a kaileng fa e se mokgwa o o siamemng mme o ne a ba kopa go emisa go dira jalo.
Modulasetilo o ne a itsise Bakgatla ka lefelo le khansele e le tlhabololang e le la itloso bodutu mo Mochudi le a supileng fa maikaelelo a bone e le khansele ke go itirela madi mo khanseleng ka lefelo leo.
Modulasetilo o tshwentswe ke leruo le le gobeyang mo motseng. A re ba santse ba agelela setsha seo le ntswa sebe sa phiri ke gore batho bangwe ba tsweletse ka go senya terata eo.
Kwa bofelong o ne a bolelela morafe ka lenaneo la puso la go atswa ba-na-le-bogole ka madi a a kanang ka P300 go simolola kgwedi eno e fela.
Le fa go ntse jalo o ne a supa fa e se mo-na-le-bogole mongwe le mongwe yo o tlaa fiwang madi ao a tlatsa ka gore go ya go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng pele go bona gore a mme motho wa go nna jalo o ka fiwa madi ao.
Fa ba mo kgwa dikgaba Bakgatla ba ne ba itumelela phuthego ya ga modulasetilo mme le bone ba supa fa ba tshwentswe ke leswe le le mo motseng wa bone. Bangwe ba ne ba supa fa metseto e le yone e e leswafatsang tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2015






