Dandane e tlaa tlhoma kgosana
11 Aug 2015
Banni ba kgotla ya Dandane kwa Bobonong ba baakanyetsa moletlo wa go tlhoma Kgosana Tomeletso Agosi mo setilong.
Jaaka e le tlwaelo gore fa kgosi e tlogela bogosi ngwana wa gagwe wa ntlha ke ene a mo tlhatlhamang, Tomeletso o tlaa bo a tlhatlhama rraagwe, Rre Thuso Agosi yo o tlogetseng setilo sa bogosi ka lebaka la bogodi kgwedi ya Phatwe e tlhola gangwe ngwaga o o fetileng.
Moletlo o, o tlaa tshwarwa kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boferabobedi, ebile o tlaa tsewa gape e le wa tsamaya sentle wa kgosana ya pele. Dandane ke kgotla ya tetlanyo ya bone ka bogolo mo dikgotleng tsa Bobonong. .
Moanamisa mafoko wa komiti e e baakanyetsang moletlo o, Rre Mompoloki Mokete, o tlhalositse fa paakanyetso moletlo o, e tsweletse sentle ebile ba kopile tetla kwa
go kgosi kgolo ya Babirwa, Kgosi Mmirwa Malema gore ba laletse Kgosi Tshito Days wa gooMoremi go tla go nna sebui sa tlotla mo moletlong oo.
Rre Mokete a re ba laleditse Kgosi Days ka ditso di supa fa boora Dandane e le Batswapong ba ba tlholegang kwa goo Moremi ka jalo ba dumela fa go nna sebui sa tlotla ga ga Kgosi Days go le maleba.
Rre Mokete o tlhalositse fa go nna teng ga ga Kgosi Days mo moletlong o go supa fa boora Dandane ba gakologelwa kwa ba tlholegang teng ebile ba ikaelela go tsosolosa tirisano mmogo ya bone le Batswapong.
O boletse fa banni ba dikgotlana tsotlhe tse di welang ka fa tlase ga Dandane ba itlamile go tsenya letsogo mo paakanyetsong ya moletlo o, ga mmogo le go ntsha dithuso tse di tlaa dirang gore moletlo o o atlege.
Rre Mokete a re lefa ba amogetsae dithuso tsa go baakanyetsa moletlo o mo morafeng wa Dandane le setshaba ka kakaretso, ga ba ise ba kgotsofalele dithuso tse ba di amogetseng ka ba solofetse tshologelo ya batho ba le bantsi kwa moletlong o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa go tlhoma kgosana
Date : 11 Aug 2015






