Thuo ya dikoko e thusa monana
11 Aug 2015
Letlhoko la ditiro ke seru se se wetseng banana ba lefatshe leno.
E re le fa go ntse jalo, monana mongwe wa Borolong o ne a ikitaya ka thupana go kgapela ntle letsapa la go tlhola a gobeya mo mebileng ka go nna le maano a botshelo a ka itshetsang ka one go baya dijo mo tafoleng.
Rre Onalethata Mothibi, yo o dingwaga tse di masome mabedi le botlhano a re o ne a tsaya tshwetso ya go ruwa dikoko ka go farologana ka mefuta ya tsone.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mothibi a re o simolotse kgwebo ya thuo ya dikoko ngwaga ono o simolola ka lemmenyana le a neng a thusiwa ka lone ke masika le batsadi.
O tsweletse a tlhalosa gore kgwebo ya gagwe ya thuo ya dikoko e na le di poelo tse di nametsang.
A re mae a na le theko e e kwa godimo ka a rekwa ke bagwebi le barutabana ba sekole se se botlana sa Makobo.
Mme se se mo gwetlha go oketsa palo ya dikoko tsa mae mme gape o boletse fa a dirisa dipoelo tse go tokafatsa itsholelo ya gagwe le go tlamela ba lelwapa la gagwe.
Rre Mothibi o ne a akgola maiteko a a dirwang ke puso a go neela banana madi go atolosa dikgwebo tsa bone, a re se se tsile go ba thusa go isa dikgwebo tsa bone kwa godimo.
O ne a kaya fa a le mo tseleng ya go ikopela madi a banana kwa pusong go godisa kgwebo ya gagwe, mme o ne a tswelela a bua gore kgwetlho e tona mo kgwebong ya gagwe ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo tsa dikoko.
A re ga a fele pelo ka kgwebo ya thuo ya dikoko e na le madi mme e tlhoka motho yo o berekang ka natla letsatsi le letsatsi go fepa dikoko, go di neela metsi a a phepha, go phepafatsa hoko gararo mo bekeng
Se se dira gore dikoko tsa gagwe di gole di nonofile ka dipalo tse di ntsi fela thata, mme di tsenye lemmenyana le le botoka go ka di rekela dijo.
O tlhalositse gape fa a thusa banana bangwe ba motse wa gagwe ka thuto ya thuo ya dikoko e a e amuleng mo go bangwe barui ba ba atlegileng mo kgwebong ya dikoko.
A re ntswa a ithaopile go dira jalo, banana ba santse ba tla fela ka dipalo tse di boutsana go tla go anywa maele.
O kgothaditse banana gore ga ba a tshwanela go nna fela ba itshopere ba re ba emetse puso go ba tlhamela ditiro.
A re banana ba tshwanetse go dirisa diatla tsa bone go itlhamela ditiro, mme puso e bo e tla e ba thusa fale le fale ba setse ba gatetse pele, BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkemetse Nyathi
Location : BOROLONG
Event : Potsolotso
Date : 11 Aug 2015






