Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa

11 Aug 2015

Ralekgotla wa Ntomalome kwa Molapowabojang, Rre Bushi Ndaba, a re tshwaragano e ka tsisa ditlhabololo mo setshabeng.

Rre Ndaba o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya kereke ya King Solomon Evangelical ka Matlhatso.

Kereke eo e ne ya abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng dijo le melora.

Rre Ndaba a re setshaba se tshwanetse go ya kwa ngwageng wa 2016 se tlhaloganya gore go diragala eng, a tla a re dikereke di tsenye matlho mo setshabeng di lebe ba ba tshwanetseng go thusiwa. Are ba seka ba thusa batho ka go tlhaola.

A re kereke fa e thusa batho ba ba tlhokileng lesego e a bo e dira thato ya Modimo ebile e tshegeditse moono wa puso wa gore Batswaba ba nne chaba e e kutlwelo botlhoko e bile e le lorato mo go ba bangwe.

Fa a bua ka maikaelelo a tiro eo modulasetilo wa kereke ya King Solomon Evangelical Mme Kgotlaetsile Ndaba a re kereke ya bone e santse e simologa ka jalo e tlhoka kemonokeng ya setshaba sa Molapowabojang le tikologo.

Mme Ndaba a re kereke ya bone e simologile ka ngwaga wa 2013 a tlatsa ka gore ba kereke ba dumela mo kgololong,lorato le kutlwelo botlhoko, a bo a re ditsetlana tse ga di farologane le letshego la tebelopele ya lefatshe leno.

Mme Ndaba a re maikaelelo ke go tsisa tsholofelo mo setshabeng ka go ba fa dimpho tseo, mme a tlhalosa fa go le botlhokwa go tsepama mo Modimong a re fa ba ka dira jalo Modimo o tlaa ba utlwa ka a itse diemo tsa bone a ba a ba thusa.

Prophet Boitshwarelo Solomon yo e leng ene moeteledipele wa kereke eo, e rile a ntsha lefoko la kgothatso a re o biditse setshaba go ba lemotsha botlhokwa jwa lorato, a re ba bone go tshwanela gore ba itshupe gore ba teng mo Molapowabojang jaaka ba digela ngwaga wa bobedi.

Prophet Solomon a re puso e tlhoka gore dikereke di e thuse ka jaana ga e kake ya kgona ka nosi. O tlhalositse fa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ba setse ba e fekeetsa.

A re kereke e tshwanetse gonnna sekao ka go tlamela setshaba le go thusa go boloka mewa.

A re baruti ba tshwanetse go supa gore Jeso yo ba mo rerang o a tshela, a tlatsa ka gore Modimo ke Modimo yo o kgathalang ka batlhoki.

Mokhanselara wa Molapowabojang East Rre Calvin Matlale e rile a ntsha mafoko a malebo a kopela kereke ya King Solomon Evangelical le bogogi jwa yone tshegofatso ,kgolo le katlego ka gore e dira tiro e ntle ya go supa lorato ka go thusa ba ba tlhokileng lesego.

Mo go tse dingwe Rre Matlale o ne a lela ka gore motse wa Molapowabojang o mogologolo mme ga o na ditlhabololo.

 

Fa a leboga mongwe wa ba ba abetsweng dimpho Mme Keatametse Ditlhobolo a re o lebogela kereke eo tiro e ba e ba diretseng, mme a ba kopa go tswelela ba thusa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 11 Aug 2015