Breaking News

Banni ba Kgoro ba phophoma ka boitumelo

11 Aug 2015

Banni ba Kgoro mo kgaolong potlana ya Good Hope ba amogetse ka mabogo oo mabedi go simolodisiwa ga thulaganyo ya go tshela sekonotere tsela e e tswang kwa Good Hope e feta ka motse wa bone.

Ba supile boitumelo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso bosheng.

Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa a filwe pego ke Tona wa tsa Dipagamo le Dithaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo.

A re e tlaa re tsela ya Pitsane/Good Hope e dirwa, ya Gathwane/Kgoro le yone e bo e tshelwa sekonotere.

A re lephata la dipagamo le ditlhaeletsano le tlaa tshela tsela ya Gathwane/Kgoro sekonotere ka fa tlase ga molawana wa ditsela o o letlang gore fa go dirwa tsela, e kgolo, ditsela tse di e tlaleletsang ka fa thoko le tsone fa di le kwa tlase ga sekgele sa dikhilomithara di le lesome, di tshelwe sekonotere.

Banni ba ne ba amogela molaetsa wa ga Mme Tshireletso ka mogolokwane ba supa fa ba itumelela ditlhabololo tse.

Rre Sokologang Moilwa o ne a thalosa fa a itumelela tsela e fela thata ka jaana e ka fefosa mesepele ya banni ba Kgoro.

Mme Sthobinyana Tlhobogang, le ene o ne a supa fa a iutmelela go tshelwa sekonotere ga tsela eo, a tlatsa ka gore go tlhabololwa ga tsela ke gone go tlhabolola motse tota.

Mme Tlhobogang a re fa motse o sena tsela e e tshetsweng sekonotere, go nna le bothata ka jaana ditlhabololo mo motseng ga di goroge sentle.

A re le ba dikgwebo ba felela ba kgobega marapo go tlhoma dikgwebo le go tlhama mebereko mo motseng ka jaana ba a bo ba kgobiwa marapo ke tsela e e seng mo seemong se se siameng.

Mongwe wa banana, Rre Kenanao Mogami, o ne a bua fa tsela e, e tsile ka nako e e maleba ka jaana banana ba Kgoro ba ne ba setse ba babaletswe ke letlhoko la ditiro le go sa tswelela ga dikgwebo tsa bone.

Mo go tse dingwe tse di amang lephata la dikgaolo le thabololo magae, Mme Tshireletso o ne a rotloetsa banni ba motse go dirisa mananeo a puso e a beileng pele go itlhabolola jaaka la nyeletso lehuma.

Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa lenaneo la nyeletso lehuma le na le mefuta ya dikgwebo e le masome a mane le botlhano, mme banni ba ka lebelela mo go one ao, go bona gore kgwebo e e siametseng motse wa bone ke eng.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa banni ba Kgoro ba sa dirise mananeo a, ka jalo a ba kgothatsa go leka ka bojotlhe go tsaya mananeo a dithuso.

Mme Tshireletso o ne gape a gakolola banni gore lenaneo le ga le a felela fela mo go a le masome a mane le botlhano, a tlatsa ka gore, banni ba ka seka seka se ba boneng se le botoka mo kgaolong, mme ba ikopela go simololelwa kgwebo eo, ka dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma.

Mothusa tona o ne gape a gakolola banni go tsaya lenaneo la Ipelegeng ka thwaafalo, ka jaana e le lenaneo le le tlhwaafetseng, le maikaelelo a lone e leng go tokafatsa matshelo a banni. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segametsi Kebonang

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Aug 2015